Breaking News

Bolwetse bo ganyaola dikoko

02 Sep 2014

Barui ba dikoko kwa Gumare ba boletse fa dikoko tsa bone di tlhasetswe ke bolwetse bongwe jo bo sa tlwaelesegang.

Fa a bua lmo potsolotsong bosheng, Mme Lemogang Pelaelo o boletse fa a gakgamadiwa ke bolwetse bongwe jo bo tlhasetseng dikoko tsa gagwe ka tsela e e sa tlwaelesegang jo a simolotseng go bo lemoga bosheng fa dikoko tsa gagwe di simolola go supa dikai tse a sa di tlwaelang.

Mme Lemogang a re o simolotse a bona dikoko tsa gagwe di nna di korobetse, tse dingwe di nna ka go phadimoga, selo se a tlhalosang fa se supiwa ke barui ba bangwe.

A re go simolotse go swa dikoko di le thataro  mme mo nakong  eno go setse go sule di  ka tshwara masome a mabedi le go feta. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gore ga ba ise ba ikuele gope gonne ga ba itse gore ba ka ya kae.

Modiri wa tsa matlhoko a leruo, Mme Oakantse Eole  o tlhalositse gore bone seeemo seo ga ba se itse ka ntlha ya gore ga gona ope wa barui yo o kileng a tsaya matsapa a go tla go ba lekodisa ka leruo la gagwe.

Mme o tlhalositse gore go botlhokwa thata gore e re fa morui a bona dikai tsa go sa tsoga sentle ga leruo la gagwe a ikatametse kwa go bone gore ba kgone go ya go le tlhatlhoba.

A re gantsi ba batla bone ba iponele seruiwa go na le gore morui a tle go tlhalosa bolwetse ka gore nako  e ntsi ba lemogile  gore barui ga ba nke ba bua boammaaruri. Ends

Source : BOPA

Author : Mercy Sauzoo

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 02 Sep 2014