Kgotla e mosola thata
01 Sep 2014
Mothusa moeteledipele wa makgotla a Setswana, Rre Tumelo Seboko a re kgotla ke lefelo le le botlhokwa thata mo matshelong a Batswana.
Rre Seboko o buile mafoko a fa a ne a bula semmuso diofisi tsa kgotla kwa Werda bosheng. O tlhalositse fa kgotla e le gone kwa botlhoka tsebe bo kgalemiwang teng le gone go letlanya morafe.
A re ntleng ga go letlanya morafe, kgotla ke lefelo le go dirwang ditogamaano tsa motse teng, ka jalo go le botlhokwa gore le tlhokomelwe.
A re se, se direla puso tiro motlhofo fa e batla go utlwa dikeletso tsa morafe gore ba eletsa gore ba direlwe ditlhabololo tsa mofuta ofe le therisanyo epe fela e ba ka e tlhokang.
O tsweletse ka go supa fa a itumelela tiro ya gagwe, ka jaana e mo file sebaka sa go tla go bona gore magosi a kgaolo ya Werda a bereka jang, le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong ya bone.
Rre Seboko o boile gape a tlhalosa fa go lemogilwe gore makgotla a Setswana ke one a sekang ditsheko tse dintsi ka gore ga go motse o o senang kgotla, a tlatsa ka gore le ditsamaiso tsa teng ga di dingalo ka jaana di fa mongwe le mongwe sebaka sa go ikuela le go reediwa fa ba tla ka matshwenyego a bone a a farologaneng.
A re ke ka moo e le boeteledipele ba boneng go le botlhokwa gore ba nne ba tswelele ka go fa dikgosi dithuto tse di maleba gore ba kgone go dira tiro ya bone ka manontlhotlho.
Mothusa moeteledipele a re e re ntswa kgotla e le pinagare ya botshelo jwa Motswana, go na le dikgwetlho tse makgotla ao a kopanang le tsone, jaaka go tlhaelelwa ke diofisi le dipagamo mo e bileng mo mafelong a mangwe go senang le fa e le sepe gotlhelele.
O tlhalositse fa go shafadiwa ga diofisi tse di senyegileng le tse di onetseng go tsweletse le gore dingwe tsa ditiro tseo di dirwa ke khansele fa tse dingwe ba di fa dikompone tsa Batswana tse di ikemetseng.
O gakolotse morafe wa Werda gore ba tlhokomele dikago tseo ka jaana ba le lesego ka gore ke mengwe ya metse e metlhano fela e e nang le dikago tsa mofuta oo mo kgaolong ya Kgalagadi.
Rre Seboko o ne a tlhalosa fa e tlaa re morago ga ditlhopho tsa setshaba go tlhophiwe maloko a ntlo ya dikgosi. Kgosi ya Werda Kgosi Keleatile Phihadu o ne a tlhalosa fa ba tlhoka go thusiwa ka didirisiwa tse di tlaa ba thusang go fefosa tiro le gone go ntsha maduo a a botoka, a supa fa ba sa ntse ba kwala ka dipene.
Kgotla eo ya Werda e ne ya fiwa motshine o o ntsifatsang dipampiri, sebala makgolo le setilo, e le tsela nngwe ya go leka go tokafatsa maduo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : SEROWE
Event : Pulo semmuso ya diofisi tsa kgotla
Date : 01 Sep 2014