Breaking News

Temo ya sesha e ntsha maduo

01 Sep 2014

Mothusa tona wa temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi o rotloeditse balemi ba Paje go lema ba dirisa mekgwa ya segompieno.

Fa a bua kwa moletlong wa go lebogela pula le thobo kwa motseng oo bosheng, Rre Molebatsi o tlhalositse fa balemi ba ka akola maduo a lenaneo la ISPAAD ka go lema ka mekgwa ya segompieno. 

A re go dirisa mekgwa ya temo ya segompieno, balemi ba ka fenya dikgwetlho tse di apesitseng temo jaaka dipula tse di boutsana.

O tlhalositse fa go lema ka ditselana go tokafatsa thobo fela thata, a supa fa molemi mongwe kwa motseng wa Sefophe a bone dikgetse di le makgolo a mabedi, masome a mararo le metso e mebedi mo diekereng tse nne, fa kwa Mosotshane molemi mongwe a bone dikgetsi tsa mabele di le masome a fera bobedi le botlhano mo temeng e le nngwe ka one mokgwa o wa temo. 

A re selelo sa gore bokgola bo a sia e tshwanetse ya nna selo sa maloba, ka go lema ka ditselana go tshwanetse go dirwa fa bokgola bo se bontsi.

Rre Molebatsi a re go dirisa chefi go bolaya mhero ke mengwe mekgwa ya segompieno e e ka tokafatsang thobo. A re ga gona mafoko a boaammaruri a a tshwananang le setlhogo sa letsatsi leo, se se neng se re, ‘Tlhabololo ya temo go oketse thobo’ Rre Molebatsi o tlhaloseditse balemi ba koo gore lenanano la ISPAAD le tla tswelela mono ngwaga. A re balemi ba tla lemelwa, ba phakisiwe dipeo, monontshane le chefi e bolayang mhero mahala. Mothusa tona o ne tlhalosa fa puso e se kake ya duelela batho ba ba tlaa lemang ka go gasa, ka go sa ntshe maduo.

O tlhalositse fa maduo a ISPAAD a bonala fela thata, a supa fa Botswana e di goga kwa pele mo pegong ya mafatshe a SADC e e supang gore mafatshe a okeditse dijo ka bokete jo bo kae mo bathong ba one.

“Kwa Lesotho ba okeditse ka bobedi mo lekgolong, South Africa ka masome a mabedi le bongwe mo lekgolong, kwa Zimbabwe ba okeditse ka masome a supa le borataro mo lekgolong. Ka ntata ya ISPAAD, Botswana e okeditse ka masome a matlhano le bobedi mo lekgolong”, mothusa tona a tlhalosetsa batsena moletlo.

A re fa ISPAAD e simolola, dijo kgotsa thobo e ne e le masome a mararo le borataro jwa dikete tsa ditone mme ngwaga ono ke makgolo a mabedi a diketse tsa ditone.

 O ne a gatelela gore thobo ya ngwaga ono e botoka fela thata, a tlatsa ka go tlhalosa fa jaanong e le nako ya go ruta batho gore ba ka babalela thobo jang gore e seka ya jewa ke tshupa.

Rre Molebatsi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba le mo thulaganyong ya go reka dimatshine tse di tlhaolang thobo ka fa go tshwanetseng tse di tlaa dirisiwang kwa BAMB. 

O ne a fa sekai gore fa molemi a tla ka dinawa tse di sa tlhaolwang sentle, matshine oo o tla tlhaola tse di siameng mo go tse di sa siamang. 

A re ka jalo, se, se tla itsa madiadia a go busa balemi go ya go ithulaganya sentle. 

O ne a gakolola balemi go dira ditlhopha gore puso e tle e ba teratelele masimo le go ba epela didiba

Fa a tsibogela matshwenyego a kgosi ya motse oo, Rre Lefeletse Koonyatse, a gore beng ba ditshukudu tsa temo ga ba na didirisiwa tse di lekaneng, le kopo ya gore go dirwe lenaneo la go ba thusa go reka didirisiwa tsa temo, Rre Molebatsi a re ba ka dirisa banka ya NDB go ba thusa ka madi a go reka didirisiwa tse di tlhaelang. 

Kgosi Koonyatse yo o lebogetseng dipula tse di namagadi o ne gape a supa matshwenyego a gore go tlhaela ga digogi go dira gore balemi ba siiwe ke bokgola. 

O ne a leboga Tautona wa lefatshe leno go rotloetsa morafe go rapelala pula, a bo a leboga puso ka lenaneo la ISPAAD.

Mo pegong ya modulasetilo wa komiti ya balemi, Rre Johhannes Phefo o supile fa batho botlhe ba ba lemileng ba le makgolo a ferabongwe le masome a mane le botlhano ba lemile ditema di le 955 ngwaga wa temo o o fetileng. 

Mo go bone, ba le masome a matlhano le metso e mene ba lemile ka ditselana mme ba lemile ditema di le lekgolo le masome a matlhano le bofera bongwe. 

A re fa motho a gasa o ka bona dikgetsi di le tharo mo temeng mme fa a lemile ka ditselana o ka bona di le lesome le botlhano mo temeng.

Le ene fela jalo, o ne a lela ka tlhaelo ya didirisiwa tsa temo, a re ke gone ka moo batho ba le bantsi ba sa kgonang go lema ka ditselana. 

A re ba latlhegetswe ke thobo ya selekanyo sa lesome mo lekgolong ka ntata ya tshenyo ya dinonyane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : SEROWE

Event : Moletlo wa go lebogela thobo

Date : 01 Sep 2014