Breaking News

Ba Palapye ba batla go akola meamuso

01 Sep 2014

Le fa motse wa Palapye o gola ka lebelo le le kwa godimo, o sa ntse o saletse morago mo ditlhabololong tse e kabong e le tsone di gogelang bagwebi go bula madirelo gore ba kgone go tlhamela banni mebereko.

Fa a lekodisa tona wa papadi le madirelo ka motse wa Palapye kwa bokopanong jwa go tlhongwa ga lekgotla la bagwebi la Palapye Bus Rank, mothusa kgosi wa Palapye, Rre Klaas Motshidisi o boletse gore nako e tsile ya gore banni ba Palapye fela jaaka mafelo a mangwe ba akole meamuso ka go neelwa ditirelo dingwe tse di ka ba tsenyetsang madi jaaka go duedisiwa ga dikoloi tsa megobagoba.

Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Goloswang Ramogala a re bagwebi ba ba botlana ke bone motswedi wa badiri ba khumo ya lefatshe leno, jalo ba tshwanetse go ipela ka seo.

O tlhalosa gore kwa India go na le bomme ba ba ipopileng mme ba itsamaisetsa  kgwebo e bile ba na le letlole le ba tsayang madi mo go lone go tsamaisa dikgwebo tsa bone le go adima ba ba simololang.

A re le bone ga go pale  go dira jalo fa ba tlhoafetse. Morotloetsi mogolo wa ba dikgwebo tse di potlana, e bile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Dithapelo Tshotlego o supile fa a nnile le kgatlhego ya go tshwaragana le bagwebi  ba babotlana ka a tlhaloganya dikgwetlho tse ba lebaganang le tsone letsatsi le letsatsi gonne o kile a bo a le mo kgwebong eo.

O tlhalositse fa a thusitse thata gore lekgotla la bagwebi la Palapye Bus Rank le kwadisiwe ka fa molaong le bo le nne le molao-mothao o o le tsamaisang, mme a kopa gore  fa maemelo a dikoloi tsa setshaba a wediwa, bagwebi ba ba rekisang kwa maemelong a magologolo ba fiwe sebaka go tsena mo  marekisetsong a a tlaa nnang teng koo.

Rre Tshotlego a re maikaelelo a bone ke go bona bagwebi ba babotlana ba godile e bile ba tlhametse bangwe ka bone ditiro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Bokopano

Date : 01 Sep 2014