Tlhako le molomo e a laolesega kwa Ngami
01 Sep 2014
Mothusa mookamedi wa matlhoko a leruo, Dr Kefentse Motshegwa o tlhaloseditse khansele potlana ya Maun fa bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo neng bo tlhagile mo kgaolong eo bo le mo taolong.
Dr Motshegwa o supile fa dikgang tsa tlhako le molomo di le kwa tlase e bile di fana sebaka se seleele, a supa fa jo bo neng bo bonwe kwa kgaolong ya 2D ngogola ka Lwetse bo sa tshwane le jo bo tshwerweng kwa Shakawe monogwaga, a tlatsa ka gore jwa Shakawe bo a laolesega.
Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa seemo sa bolwetse joo se angwa ke metsi a dinoka, a a nang le seabe mo motsamaong wa dinare le tshenyego ya terata e e kganelang go kopana ga diphologolo tsa naga le diruiwa.
O boletse gape fa motsamao wa dikgomo le one o sa laolesege ka barui bangwe ba Ngami ba sa tlhatlhele dikgomo mme di felele di tsena mo terateng ya diphologolo tsa naga.
Godimo ga moo, Dr Motshegwa a re barui ga ba obamele mekento ya dikgomo, selo se a reng se na le seabe se segolo mo go lwantsheng bolwetse jwa tlhako le molomo.
O ne a supa fa dipalo tsa barui ba ba obamelang mekento e e thibelang tlhako le molomo di le kwa tlase ga masome a a ferang bobedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Phuthego ya khansele
Date : 01 Sep 2014