Breaking News

Tloga tloga e tloga gale...

01 Sep 2014

Kgosikgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III o iteetse legofi batsadi ba ba letlelelang banana go tsaya boikarabelo jwa bogosi gore e re fa borraabo ba tla ka maitemogelo a ditsamaiso tsa bogosi bone ba tsise bogakolodi mo diemong tsa segompieno.

E rile a bua mo peong ya ga Kgosana Ontiretse Seabelo wa kgotla ya Mochina kwa Molepolole ka Matlhatso, Kgosi Kgari a tlhalosa gore mo nakong eno, e botshelo bo fetogang letsatsi le letsatsi, baeteledipele ba setshaba ba lebagane le namane e tona ya go fetoga ga matshelo, segolo jang a banana, jalo ba tlhoka makawana a thaka tsa bo Rre Seabelo mo bogosing go tla go itebaganya le dikgwetlho tsa segompieno.

A re le fa go ntse jalo ba patelesega go fa bogakolodi le go tsaya ditshwetso tse di maleba fa ba bona diphetogo di sa tsise kutlwano.

E rile a itebaganya le banni ba kgotla ya Mochina le Bakwena ka kakaretso, Kgosi Kgari a re ba seka ba nyatsa Rre Seabelo ka gore bone e le bogosi ga ba mo nyatse ka e bile ba tlhaloganya sentle gore o tla ka kitso nngwe e ba se nang yone.

A re fa morafe o ka letla Kgosana Seabelo go nna le maitemogelo a magosana a mangwe a nang le one o ka nna le seabe se se bonalang mo morafeng wa Bakwena.

O kgothaditse Bakwena go dira, go gakolola le go reetsa Kgosana Seabelo ka go dira jalo go tlaa mo tlhofofaletsa tiro Modulasetilo wa dikgosana kwa Molepolole, Kgosi Basiamang Garebakwena, a re o leboga thata go nna teng ga banana mo bogosaneng ka seo se supa fa bogosi bo na le bokamoso jo bo siameng.
Kgosi Garebakwena a re Kgosana Seabelo ke motho yo o wetseng dibete e bile a sa tshabe go dira le go rongwa.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Garebakwena o kgothaditse Kgosana Seabelo go nna le poifo Modimo gonne e le  yone e e ka mo thusang go hema bosula. O mo kopile go tsaya batho ka tekatekanyo gonne botlhe ke ba gagwe fela jaaka a itse gore ga twe kgosi thotobolo o olela matlakala.

O mo rotloeditse go dira ka lorato ka a re ke lone lo lo tlaa mo senolelang gore dikgwetlho tse a kopanang le tsone o ka di fenya jang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keorapetse Kgomotso

Location : MOLEPOLOLE

Event : Peo ya kgosana

Date : 01 Sep 2014