Breaking News

Kwalang ditso - Molefhi

01 Sep 2014

Batswapong ba gwetlhilwe go kwala ditso tsa bone gore di seka tsa nyelela.

Mo letsatsing la go ipelela ngwao ya Setswapong kwa Ramokgonami bosheng, tona wa  dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi o boletse fa Batswapong ba na le ditso tse di nonneng tse di tlhokang le go kwalwa mme fa ba sa tsibogele go di kwala  ba tlaa lelela kgama le mogogoro ka ngwao ya bone e tlaa nyelela e bo e felela e se na motlhala.

O tlhalositse gore kgaolo ya Tswapong e na le ditso di le dintsi tse di ka kgonang go dira bojanala di akaretsa metswedi ya metsi mo dithabeng, dinonyane ka mefuta le dithaba tse di dikaganyeditseng metse.  

Rre Molefhi o rotloeditse metse ya Tswapong go bopagana go dira dikomiti tse di itebagantseng le go tsosolosa ngwao gore ba thuse komiti e e ntseng e le teng ya Lentswe la Batswapong.

A re dikomiti tseo ke tsone tse di tlaa kgonang go rulaganya moletlo wa go ipelela ditso tsa bone ngwaga le ngwaga. A re merafe ya lefatshe leno e tshwanelwa ke go lemoga bosetshaba jwa yone go aga bomorafe jwa yone.

O boletse fa morafe mongwe le mongwe o na le tshwanelo e e lekanang le ya e mengwe, ka jalo go se na morafe ope o tshwanelo ya one e leng botoka mo go e mengwe.

A re morafe wa Batswapong ga se morafe fela o le nosi o o nang le ditso tse di nonneng mme merafe ka go farologana e tshwanetse e kwale ditso tsa yone.
Modulasetilo wa komiti e e neng e rulagantse letsatsi leo ya Lentswe la Batswapong, Rre Shine Namane o boletse fa mokgatlho oo, o tlhamilwe ka  maikaelelo a go sireletsa ngwao ya Batswapong gore ba kgone go nna le lorato le go ikgantsha ka yone.

A re moletlo wa Lentswe la Batswapong o tsweledisa meletlo e mengwe e e ntseng e tshwarwa ngwaga le ngwaga kwa Tswapong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Moletlo wa ipelelo ngwao

Date : 01 Sep 2014