Breaking News

Bogodu jwa leruo kwa Dikwididi bo a tshwenya

01 Sep 2014

Barui ba  kopilwe go tlhokomela leruo la bone segolo jang dikgomo ka di utswiwa thata.

Kwa thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi sa Kgatleng bosheng kwa Dikwididi , mookamela lephata la mesepele le boagedi, Rre Mabuse Pule a re fa  barui ba sa eme ka dinao go lwantsha bogodu jo, dikgomo di tla fokotsega.

O tsweletse a re puso e ikaegile ka thuo ya dikgomo thata ka jalo e dule ka methale ya go lwantsha bogodu jo.

Rre Pule o supile fa mo kgaolong ya Kgatleng ditshekatsheko di supile gore ka 2012 go nnile le dikgetse tsa bogodu jwa dikgomo di le 88 mme ga utswiwa di le 256, ka 2013 di nnile 73 , ga utswiwa di le 194 a tlhalosa fa ngwaga ono o simolola go ema ka kgwedi ya Phatwe go nnile le dikgetse di le 49 mme go setse go utswilwe dikgomo di le 228.

O boletse fa dipalo tseo di le kwa godimo fela thata mme a re fa barui ba sa eme ka dinao go lwantsha seemo seo, ba tla sala ba iphotlhere.

O tsweletse a re bogodu jwa dikgomo bo bontsi thata mo merakeng ya Kgoba-seretse, Mashibitshwane le Mabolaelo mme barui ba tshwanetse go thusa mapodise go bo lwantsha gonne nako tse dingwe badisa ba na le seabe mo go jone.

Rre Pule a re barui ba tshwanetse go ikopanya go dira mekgatlho e le tsela ya go lwantsha bogodu jo bo gomagometsang go nyeletsa dikgomo tsa bone gonne seo se tla ba thusa go itse se se diragalang mo merakeng ya bone.

O tlhalositse fa kgang e nngwe e e tshwenyang ele ya dikgomo tse di thulwang ke dikoloi mo ditseleng, tse a reng di tsaya lobaka di le fa di thuletsweng teng beng ba sa di tseye.

Fa a tswa la gagwe, Senior Superintendent Moreri Batlhomile go tswa kwa lekalaneng le le itebagantseng le go utswiwa ga leruo, o tlhalositse gore keletso ya bone ke go bona barui le ba-na-le seabe botlhe ba bereka ba le seopo sengwe le mapodise go lwantsha borukutlhi jo.

O kopile barui go tshuba le go tshwaya dikgomo tsa bone ka go ka thusa mo ditlhotlhomisong fa di utswilwe.

O tlhalositse fa dipalo di supa fa dingwaga tse tharo tse di fetileng go setse go utswilwe dikgomo di le 10 445 lefatshe leno ka bophara, a tlhalosa fa ba lemogile gore bontsi jwa bogodu joo bo diragala thata fa go senang tlhokomelo teng.

O tsweletse a kopa barui go netefatsa gore ba tlhokomela badisa ba bone nako tsotlhe gore le bone ba tlhokomele diruiwa tsa bone sentle.

Rre Batlhomile o ba kopile go nna ba tsibosa mapodise ka dikgomo tsa matimela gonne barui bangwe ba na le go nna fela ka leruo le ntswa motho a itse gore ga se la gagwe.

Mogolwane yo o okametseng sepodise sa Kgatleng, Rre Seabe Maboka a re o tshwenngwa ke gore palo ya barui ba ba tseneng  thuto-puisanong eo e  kwa tlase ntswa e le yone nako ya gore ba tle go ntsha matshwenyego a bone, jalo a ba kopa go nna ba tsibogela dipitso tsa mothale o.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : DIKWIDIDI

Event : Thuto puisanyo

Date : 01 Sep 2014