Somolekae o rotloetsa banni go itlhatlhobela malwetse
01 Sep 2014
Mothusa tona mo lephateng la botsogo D. Gloria Somolekae, o kgothaditse Batswana go etela dikokelwana tsa metse ya bone go itlhathobela malwetse a aketsang kgotlholo e tona, madi a matona le mogare wa HIV.
Dr Somolekae o boleletse banni ba metse ya Kodibeleng le Poloka mo kgaolong ya Shoshong gore babusi ba lefatshe leno ba tshwenngwa ke batho bangwe ba e yareng ba thusiwa ka kalafi ba seke ba sale ditaelo tsa ngaka morago ka jaana bangwe ba bone ba sa nwe melemo le dipilisi ka nako e tshwanetseng, ntateng ya go itontela dino.
A re ere ntswa lephata la gagwe le tshwere ka natla go sireletsa matshelo a Batswana mo malwetseng a tshwana le kgotlholo e tona, madi a matona, sukiri le mogare wa HIV, o tshwenngwa ke batho ba ba sa ntseng ba tsweletse ka go gweba ka mebele le go tlhoka go dirisa dikausu go iphemela mo malwetseng a tlhakanelo dikobo.
Mme Somolekae o tsweletse ka go kopa bomme go amusa bana mashi a lebele ka jaana ana le dikotla tse di ka ba sireletsang mo malwetseng gammogo le mopalo.
A re ere ntswa gona le tlhaelo ya bodiredi mo dikokelong, gone Batswana ba tshwanetse go akgolela mmuso ka go tsaya ditshwetso tsa go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS jo bo neng bo gomagometsa go nyeletsa tshaba ya lefatshe leno.
Dr. Somolekae o tlhaloseditse banni ba metse eo fa lefatshe la Botswana ele lefatshe la ntlha mo Africa go abela batho ba lone dipilisi tsa mogare wa HIV mahala e bile a bolela fa mmuso wa Botswana o tsweletse ka go thusa bana ba ba dingwaga tse tlhano goya kwa tlase ka kalafi mahala.
Mme Somolekae a re ere ntswa ele keletso ya lephata la gagwe gore dikokelwana tsa lefatshe leno di nne le matlwana a pelegiso, baoki bale babedi kokelwana nngwe le nngwe, sebe sa phiri ke letlhoko la madi le le bakilweng ke go phutlhama ga itsholelo ya mafatshefatshe.
E rile banni ba metse eo ba akgela mo diphuthegong tseo ba supa dingongora mabapi le letlhoko la dikoloi mo dikokelwaneng, letlhoko la motlakase, letlhoko la matlwana a pelegiso le tiego ya go ntsha maduo a batho ba ba itlhatlhobetseng malwetse.
Bare letlhoko la dikoloi le tlhaelo ya bodiredi di dira gore baoki ba ketefalelwe ke go lekola batho ba meraka le dipolase tse di dikologileng metse ya bone ntswa ele tsamaiso ya badiri ba lephata la botsogo go lekola batho bao kgwedi nngwe le nngwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Sep 2014