Breaking News

Mokgatlho o kopa kemo nokeng

01 Sep 2014

Mothusa modulasetilo wa mokgatlho wa Mmabana Trust kwa Lerala, Mme Grace Motsamai o kopile boeteledipele jwa motse go ema nokeng mokgatlho wa gagwe.

Fa a bua kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulagantswe ke mokgatlho oo bosheng, Mme Motsamai o boletse fa bogogi jwa motse le morafe ba sa kgone go amogela mokgatlho wa Mmabana Trust ntswa o na le seabe se setona mo matshelong a motse wa Lerala.

Mme Motsamai o gwetlhile bogogi jwa motse gammogo le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse wa Lerala go ikgakologelwa ba bo ba godisa boleng jwa mokgatlho wa Mmabana Trust.

A re go utlwisa botlhoko ka go bona komiti ya ditlhabololo tsa motse gammogo le bogogi jwa motse ba sa eme ka dinao go lemoga mokgatlho o, ntswa o le botlhokwa thata mo botshelong jwa motse oo.

A re mo nakong e e fetileng komiti ya ditlhabololo tsa motse e ne ya goga dinao e ne e tshwanelwa ke go ba supela gore ba agelwe dikago tsa mokgatlho kwa setsheng sa mokgatlho wa Mmabana Trust ke kompone nngwe, mme ba felela ba tlodilwe ke moyetla oo, ka go ne go bolelwa fa ba diegile.

A re mokgatlho wa Mmabana Trust o simolotswe ka ngwaga wa 2001, maikaelelo a one e le go tlhokomela masiela ka ba ne ba itemogela kgolo mo kanamong ya mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS mo lefatsheng leno, mo bana ba le bantsi ba neng ba sala e le masiela.

Mme Motsamai a re bontsi jwa bana ba ne ba sala ba sena batsadi fa bangwe ba bana bao ba ne ba sala le bagolo ba ba sa kgoneng go ba tlhokomela ka ba itshetsa ka temo-thuo, ke ka moo ba neng ba bona gore ba simolole mokgatlho o ka imololang batsadi bao morwalo.

A re mokgatlho wa Mmabana Trust o itebagantse le go tlhokomela masiela le bana ba ba mo diphatseng mo motseng wa Lerala.
Mme Motsamai o boletse fa mokgatlho wa Mmabana Trust o tlhoka kemo nokeng e e tsepameng ka o na le seabe se se bonalang mo motseng wa Lerala.

A re fa kemo nokeng e ne e le teng, mokgatlho wa gagwe o ka bo o tsamaya kwa pele mo sengwe le sengweng. Mogokaganyi wa mananeo a mokgatlho wa Mmabana Trust Mme Tuduetso Molemogi o ne a bolela fa go na le bana ba ba ba amogelang, ba batsadi ba bone ba leng kwa tlase ka dingwaga.

O boletse fa seo se ne sa ba gwetlha go simolodisa mokgatlho o tla rutuntshang banana ka bodiphatsa jwa go tlhakanela dikobo dingwaga tsa bone di sa ntse di le kwa tlase.
 

A re ka jalo, ba bona gore ba tsene ntlo le ntlwana go fa dikgakololo, ba buisanya le banana ka go ikgapha le go kopa batsadi go fa bana dikgakololo le go ba kgalema. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Letsatsi la botsogo

Date : 01 Sep 2014