Boleng jwa noka bo wela tlase
31 Aug 2014
Mothusa kgosi wa Metsimotlhabe mo kgaolong ya Kweneng, Rre Maganelo Mmipi a re ga ba robadiwe ke batho bangwe ba ba tsweletseng ka go utswa motlhaba mo nokeng ya Metsimotlhabe.
Fa a bua mo puisanong bosheng, Rre Mmipi o tlhalositse fa motse o sa robalelwa ke ditlhokwa ka ntlha ya magodu a ka ba intshitse bo tsebe se utlwe mme ba tsaya motlhaba mo nokeng ya Metsimotlhabe ka dikgoka.
O tlhalositse fa tshenyo e, e diragala mo matlhong a banni ka gore batho ba utswa motlhaba bosigo le motshegare. Kgosi Mmipi o supile banni ba Metsimotlhabe ka monwana a re ke bone ba itseng kwa bogodu jwa motlhaba bo tswang teng ka ba na le tirisano le batho ba ba o utswang.
O tsweletse a re banni ga ba na maikarabelo a go somarela lefatshe le matlotlo a motse ke ka moo ba amegang mo tirong e e maswe e.
A re magodu a, ke batho ba ba dikgoka e bile ba kgona go lwantsha morafe fa o leka go ba kgalemela mabapi le tshenyo e. O supile fa ba leka ka bojotlhe go lwantsha borukutlhi jo.
O boletse gore go le gantsi bogosi le mapodisi ba tswa letsholo go kgalema mme ba kgona go tshwara batho bangwe. A re morago ga go tshwara magodu a, ba rekisa motlhaba oo mme madi a tsene mo letloleng la komiti ya ditlhabololo tsa motse.
O tsweletse a tlhalosa fa boleng jwa noka ya Metsimotlhabe bo wetse tlase ka ntlha ya go utswa motlhaba o. A re noka e ke boswa jwa motse e bile ke bontlha bongwe jwa ditso le matlotlo a one jalo ba tshwanetse go a sireletsa. Go ya ka mothusa kgosi mo dingwageng tse di fetileng noka e ne e nna le ditotoma tsa motlhaba tse di thusang go tshegetsa metsi fa noka e tletse mme mo nakong eno ga e na motlhaba, selo se a reng se diphatsa mo banning bogolo jang ba ba agileng mo letshitshing la noka e, ka jaanong fa dipula di phaitse e elelela mo malwapeng a a gaufi.
Kgosi Mmipi a re tshenyo e e diragalang mo nokeng ya Metsimotlhabe e supa go tlhoka botho le lenyatso ga batho ba ba utswang motlhaba. O tlhalositse fa batho ba, ba sa tshabe molao gonne ba kgona go boelela molato morago ga go atlholwa.
Kgosi Mmipi a re morafe o tshwanetse wa itlhokomelela ditso le lefatshe la one. A re go tsaya motlhaba mo nokeng e, ke tshenyo e e ka tlogelang motse o sena se o ka ipelafatsang ka sone mo isagong.
O ikuetse mo setshabeng ka kakaretso go emisa tshenyo ya motlhaba mo nokeng ya Metsimotlhabe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kamogelo Nkile
Location : MOLEPOLOLE
Event : Puisano
Date : 31 Aug 2014