Breaking News

Banni ga ba tlotle kgotla

31 Aug 2014

Bogosi jwa motse wa Metsimotlhabe mo kgaolong ya Kweneng ga bo itumedisiwe ke go tlhoka go tsena phuthego tsa kgotla ke banni. 

Fa a bua mo puisanong bosheng, mothusa kgosi wa motse oo, Rre Maganelo Mmipi a re ka Setswana kgotla ke lefelo le le nang le seriti mme kwa Metsimotlhabe ga e tsewe ka tlhwaafalo.

Mothusa kgosi a re o tshwentswe ke seemo se, a bolela fa go utlwisa botlhoko go bona morafe bogolo jang bagolo ba sa tsene phuthego tsa kgotla. O supile gore le fa gone bagolo ba sa ye kwa diphuthegong banana bone ba iteka fela thata.  Go ya ka mothusa kgosi le fa dikgosana di bitsa phuthego ka dikgotlana ga go nne le tema. 

A re kgotla ke motheo le modi wa ditiragalo tsotlhe tse di amang morafe gonne go anamisiwa ditiro tsa ditlhabololo tsa motse gammogo le mananeo a puso teng.

O kgadile a sa kgwe mathe mokgwa o gonne o bolela fa o baya motse ka fa mosing. A re tshwaragano fa gare ga morafe le bogosi e botlhokwa mme e bile motse ga o kake wa tlhabologa fa morafe o sa tsene phuthego tsa kgotla. 

Rre Mmipi a re go tlhoka go tsaya kgotla ka tlhoafalo ga bagolo go ka nna le seabe mo kgodisong ya banana bogolo jang ka tsa ngwao le botlhokwa jwa kgotla. A re ke matlhabisa ditlhong go bona bagolo ba sa supegetse bana tsela, a supa fa  bagolo ba ka bo e le  bone sekai mo bananeng. Kgosi Mmipi a re o kopa bagolo go emisa mokgwa oo mme ba fe kgotla seriti ka go e etela nako tsotlhe fa go na le pitso.

O supile fa morafe o bonala fela fa go na le diphuthego tsa badirela puso kgotsa matona a puso ba etetse motse mme ba kgaphela tsa bogosi kwa thoko. 

O tsweletse a re ga a  itumelele seabe sa morafe wa Metsimotlhabe ka ba itlhokomolosa boleng jwa kgotla.  A re batho ba tlhaloganye gore seriti sa Motswana ke ngwao mme bogosi jone ke pinagare ya morafe ke ka moo mo ngwaong ya Setswana go na le kgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Puisano

Date : 31 Aug 2014