Komiti ya Sefoke e dira ka natla
31 Aug 2014
Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgaolo ya Sefoke kwa Tlokweng e ntsha maduo a a bonalang go thusa le go rotloetsa morafe go itsosa go tsaya mananeo a puso e thusang Batswana ka one.
Modulasetilo wa komiti eo, Mme Morwadi Podile o boletse mo potsolotsong gore ditiro di dintsi tse di dirwang ke komiti eo mo kgaolong go thusa morafe. Mme Podile a re komiti e setse e agile matlwana a boitiketso, ofisi, e rekile ditilo le go tsenya tse di beelang dibuka mo ofising eo.
O tlhalositse fa ba le mo lenaneong la go aga leobo la Setswana le ntlwana ya boitiketso ya metsi kwa kgotleng ya Sefhoke, fa kwa Masetlheng ba ikaelela go aga ofisi e e dirisiwang ke kgosi mme ba santse ba emisitswe ke ba khansele ba ba sekasekang dikago le mafelo.
Mme Podile o tlhalositse fa mokhanselara wa kgaolo eo a ba thusitse gore ba agele motlhoki ntlo mme dilwana tsotlhe tsa yone di rekiwa ke komiti eo. A re o itumedisiwa ke gore Kgosi Norman Matsetse wa Sefoke le Katlholo Modumedisi wa Masetlheng ba eme komiti eo nokeng nako tsotlhe.
O tlhalositse fa komiti e na le matlo a le mane a e tsenyatsang madi e bile gape e na le ditilo tse di hirisiwang mo manyalong le mo diphitlhong le mediro ya morafe ka go farologana. O boletse gape gore ba eleditse go tsenya mogala mme ba eme ka go direlwa setlankana fela.
Mme Podile a re komiti e kgona go fiwa dithuso ke bomme ba mokgatlho wa Basotho mme seo se thusa fela thata. O tlhalositse gore go gapa seetsele sa bophepa ga kgotla eo go ba thusitse fela thata ka gole gantsi komiti eo e bereka thata kwa medirong kwa kgotleng kgolo.
O boletse fa bomme ba tsenya letsogo mo mananeong a puso e thusang Batswana ka one ka ba tsere lenaneo la go dira ditshingwana tsa merogo go rekisetsa batho mme a re banana ba ba neng ba tsere mananeo ba tlogetse ba ile go dira kwa lenaneong la Tirelo Sechaba.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Podile o boletse fa borukutlhi bo tshwenya mo kgotleng ya Sefoke ka go nna batho ba ba farologaneng ba bangwe e le batswaka ba bereka kwa dipolaseng mme a re lenaneo la twantsho borukutlhi le a leka go bo lwantsha.
O tlhalositse fa komiti e nna e etela kwa dikokelwaneng le dikole tse dipotlana mo motseng otlhe wa Tlokweng go phepafatsa go sa kgathelesege gore ga di mo kgaolong ya bone. Mme Podile o boletse fa maloko a komiti eo ba thusa go tlhokomela balwetsi bangwe ba bagodi, batlhoki le dikhutsana mo kgaolong go ba thusa gore ba nne le tsholofelo.
O tlhalositse fa ba sena bothata jo bo kalo jwa madi ka komiti e nna e dira dithulaganyo go itirela madi e bile ba dirisa madi sentle ba bo ba nne le pego ya madi otlhe a a dirisitsweng le gore a diriseditswe eng. O boletse fa ba rotloetsa banana go tsaya mananeo mme banana ba sa tsenye letsogo ka ba le maoto a tshupa le ntswa thuto e goroga kwa go bone ka one.
A re morafe o ile wa nna maoto a tshupa go tsaya lenaneo la SHAA go tlhabolola malwapa a bone mme seo se a tshwenya, a tlatsa ka gore bommaboipelego ba motse ga bana tirisanyo mmogo e e kalo le komiti eo le go thusa go rotloetsa mananeo mme seo le sone se tshwenya fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Matlhogonolo Letshelaphala
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2014