Bomme ba UCCSA ba rotloetsa bophepa
31 Aug 2014
Bomme ba kereke ya UCCSA kwa Tsabong ba kopile dikereke tse dingwe, mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso go ba ema nokeng ka nako tsotlhe mo letsholong la bone la go sela matlakala, e le tsela nngwe ya go phepafatsa tikologo, morago ga go lemoga fa metse mengwe mo lefatsheng leno e sa lebege, ka e na le leswe le lentsi thata.
Kopo e, e dirilwe ke Mme Ellen Mosugelo, yo eleng modulasetilo wa mokgatlho wa bomme mo kerekeng ya UCCSA kwa Kgalagadi mo potsolosong bosheng.
Mme Mosugelo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa lefatshe leno ka bophara le tletse matlakala gongwe le gongwe, a gasagasame, ka a tlhoka go selwa le go kgobokanngwa sentle golo go le gongwe.
O kaile fa ba ne ba dumelana ka bongwe fela jwa pelo, ele bomme ba kereke ya UCCSA lefatshe ka bophara, go rotloetsa setshaba go sela matlakala gongwe le gongwe fa ba leng teng mo dikgaolong tse di farologanyeng tsa lefatshe leno, a supa fa seo gape e le go nna le seabe le gone go thusa puso, ka e ka seke e kgone e le nosi go rotloetsa bophepa ka go sela matlakala.
Mme Mosugelo o supile fa ba simolotse letsholo leo la go sela matlakala ka ngwaga wa 2012, kgwedi ya Phatwe e rogwa go ya fifing, ele kgang e ba e dirang ngwaga go ya ngwageng.
A re go tswa goo lowe bomme ke bone thari ya setshaba ka jalo ba tshwanelwa ke go rotloetsa le go ruta bophepa mo baneng go simologa fela ba sa ntse ba le bannye kwa malwapeng.
Mme Mosugelo o ne a kaya fa gape botsogo le bophepa e le le diathoteng di bapile mme a kopa setshaba go ema ka dinao go phepafatsa dijarata tsa bone ka go sela matlakala, le kwa madirelong a bone.
Fa a ntsha la gagwe modulasetilo wa mokgatlho wa bomme ba kereke eo mo Tsabong, Mme Grace Hambira, o ne a supa fa tiro ya bone e na le maduo a nametsang thata ka motse wa bone wa Tsabong o le botoka fela thata fa go tshwantshanngwa le mo nakong e e fetileng.
Mme Hambira o ne a kaya fa ba tshwaraganetse tiro e le ba khansele, ka e le bone ba ba thusang ka dipolaseteke tsa matlakala le gore ba olela matlakala fa ba sena go a kokoanya gore a seka a phatlaladiwa ke diruiwa tse di gobeang mo motseng.
Mme Hambira a re se se ba tshwennyang segolo ke malwapa mangwe le balatedi bangwe ba dikereke dingwe mo Tsabong ba ba gogang dinao mo tirong eo, a tlatsa ka go ba rotloetsa go ema ka dinao ka ‘kgetsi ya tsie e kgonwa fela ke go tshwaraganelwa’. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2014