Mokodue go tsoswa oo itekang.
31 Aug 2014
Setlhopha sa Tsatsi le Etla se se tlhamilweng ka 2010 se na le bomme ba le masome a mabedi ba ba sa iponeng tsapa go iphataphatela ka go dirisa mokolwane go loga ditlatlana, mebanki le diphate go itshetsa
Fa a bua mo potsolotsong, motshwara madi wa setlhopha, Mme Catherine Dimpisi a re ba bone go tshwanela e le bomme gore ba eme ka dinao go tla ka maano a go itshetsa jaaka go twe mokodue go tsoswa o o itekang. Mme Dimpisi a re ba tlhamile setlhopha seo ka maikaelelo a go itshetsa gammogo le go somarela ngwao ya Setswana.
O tsweletse a tlhalosa gore setlhopha se ikaegile ka bagolo ba ba dingwaga tse di masome a matlhano le bobedi go ya kwa godimo ka go bo bontsi jwa banana ba sa kgatlhegele tiro ya go loga didirisiwa tsa Setswana.
O tsweletse ka go tlhalosa fa ba dirisa mokolwane go loga ditlatlana, mebanki le diphate mme morago ba o kopanye le makwati a setlhare sa monyee go dira motako o o kgabisang.
A re tiro ya go loga e tlhokana le bopelotelelele le botswerere ka e le thata e bile go se motlhofo go ka dirwa ke mongwe le mongwe.
Mme Dimpisi a re dithoto di tshwana le mebanki e metona ba e rekisa go simolola ka P500 go ya kwa go P600 fa ditlatlana di rekisiwa P50 mme ba patelesega go fokotsa ditlhwatlhwa ka baji bareki ba ba tlhalosetsa fa di le kwa godimo.
O tlhalositse fa letlhoko la mmaraka e le kgwetlho mo go bone mme nako e ntsi ba tsaya dithoto di se kaenyana go ya go di rekisa kwa Talana Farm, Mashatu Game Reserve le Tuli Lodge ka ba sena lefelo le ba ka le bitsang boremelelo jwa mmaraka wa bone.
O supile fa lefelo le ba le dirisang ba le neetswe ke puso ka fa molaong ka jalo ba bereka ka tshosologo go sena dikgoreletsi dipe.
A re ba dirisa mokolwane o ba o tsayang kwa morakeng wa Makadibeng selo se a reng ke kgwetlho e tona mo go bone ka gore go kgakala jalo go ba pateletsa go thapa dikoloi go ya teng gonne ga ba na koloi e e leng ya bone.
A re e rile ngwaga oo fetileng ba lephata la boipelego ba ba solofetsa go ba batlela mmaraka le go ba thusa ka madi go tokafatsa kgwebo ya bone mme ga go nko e e tswang lemina. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2014