Baithuti ba leboga lephata la thuto
31 Aug 2014
Baithuti ba ba buseditsweng mo sekoleng go boelela mophato wa botlhano ba lebogile lephata la thuto le tlhabololo dikitso go bo le bone go le mosola go ba busetsa sekoleng go tsweledisa dithuto tsa bone.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang, moithuti wa pele wa sekole se segolwane sa Shakawe, Rre Gaodirelwe Dineo, o tlhalositse fa ba sa dira sentle mo mophatong wa botlhano ngogola ka ba sa simolola sentle mophato wa ntlha go fitlha ka wa boraro.
Moithuti yo, o supile fa ka 2009 ba simolotse dithuto tsa bone tsa mophato wa ntlha kwa Seronga, mme ka 2010 ba fudusediwa kwa sekolong sa Gowa JSS go tsweledisa dithuto tsa bone tsa mophato wa bobedi le boraro, selo se a kaileng se amile dithuto tsa bone fela thata.
O tsweletse a supa fa e rile ba tshwanetse go ya go simolola mophato wa bone kwa sekoleng se segolwane sa Shakawe ba bolelwa fa se sa fela ka jalo ba isiwa kwa go se segolwane sa Maun.
Rre Dineo o supile fa nako yotlhe e ba e tsereng kwa Maun, ba sa kgona go ithuta sentle ka gone gole mosuke e bile go nale tlhaelo ya barutabana le matlo a borutelo, mme seo se ne sa ba baya ka fa mosing.Rre Dineo a re e rile 2013 a fela, ba fudusediwa kwa Shakawe go feleletsa lekwalo la bone, e bile ba kgonne go kwala makgaolakgang gone koo fela ba tlhoka go dira sentle ka jalo sekole seo sa nna sengwe sa dikole tse di sa dirang sentle mo lefatsheng la Botswana mo dithutong tsa BGCSE.
Moithuti yo, o supile fa maduo a bone a ba utlwisitse botlhoko fela thata gonne thuto e le yone konokono mo matshelong a bone, ka jalo a re o leboga thata lephata la thuto mo boemong jwa bana botlhe ba ba buseditsweng go ya go tsweledisa dithuto tsa bone tsa mophato wa botlhano.
A re o ikaelela go dira ka natla go feta fa a dirileng ka teng ngwaga oo fetileng go leka go tokafatsa maduo a gagwe.
O gakolotse banana go tsaya thuto ya bone ka tlhoafalo le go e ikgapha mo dilong tse di ka ba kgoreletsang go ithuta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : SHAKAWE
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2014