Breaking News

Batswana ba kopiwa go somarela Setswana...

28 Aug 2014

Batswana ba kopiwa go ithuta go bua le go kwala puo ya Setswana ka botlalo gore e seka ya tloga ya nyelela.

Lebutswa pele la motse wa Kanye, Rre Ketumile Kaboeamodimo o  boletse mo potsolotsong bosheng, gore o tshwenngwa ke gore mafoko mangwe a a sa lolamang mo puong ya Setswana jaanong a tlwaelesega go dirisiwa, selo se a reng se ka dira gore a felele a amogelesega le ntswa go sa siama.

Fa a fa dikai tsa  mafoko mangwe a a sa diriseng ka fa tshwanelong o boletse gore leele le tshwana le ‘go apara kobo ka letshoba’ ga se Setswana, ka tlhomamo ke, ‘go apara kobo ka lotlhono.’ A re lotlhono go tewa boboa jo bo ka fa ntle ga kobo ya nku, ka jalo leele le dule mo lebakeng la gore gone go sugiwa matlalo bogologolo go dirwa dikobo mme kobo eo e aparwe ka fa teng ka gone go sugilwe go le borethe, go sa aparwe ka fa lotlhonong

Rre Kaboeamodimo o tsweletse a re ga go na Setswana se se reng ‘go tla thari’ gonne thari ya motho ga e bonwe ka jalo ga go phepa go rialo. A re ka Setswana se se lolameng go a twe motho o tsile morago ga nako kgotsa morago ga nako e e beilweng.

E bile gape Rre Kaboeamodimo o tlhalositse fa lefoko la tshono e se Setswana, mme lefoko la nnete ele sebaka. A re go a twe motho o filwe sebaka sa go bua eseng tshono jaaka go tlwaelesega mo malatsing ano.O tsweletse a re puo e e tlwaelesegileng ya gore bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya ntsi, ga se Setswana ka jaana mo ngwaong ya Setswana ntsi ga e jewe go jewa tsie.

A re go a twe tlhogwana ya tsie e seng ntsi. A re o tshwenngwa ke gore gangwe le gape o bala dipampiri a ba a utlwe mafoko ao a dirisiwa mo diromamoweng dingwe. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore dikokomane tse di tswang kwa tlase di amusiwe puo ya Setswana e e tlhololo gore e babalesege. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Topo Monngakgotla

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 28 Aug 2014