Breaking News

Tshwaragano Cluster e thusa motlhoka pono

28 Aug 2014

E rile bosheng Tshwaragano Cluster ya kokoanya madi go rekela mogolo e bile e le motlhoka pono Rre William Oats dijo.

Tshwaragano Cluster e e bopilweng ka dikomiti tsa motse wa Draaihoek tse di farologaneng di akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, bathusa mapodise a diphologolo, batlhokomedi ba balwetse mo malwapeng, bathusa mapodise le babereki botlhe ba kgotla ba kgonne go kokoanya P520.

Ramapodise wa motse oo, Sub-Inspector Joshua Moleta o tlhalositse fa ba gwetlhilwe go dira tiro eo ke dingwe dipilara tsa 2016 tsa go nna tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile  ele pelotlhomogi. O tlhalositse gore le bone ba tsholetsa maoto go siana lebelo le le tabogiwang go ya go goroga kwa 2016.

A re fa ba sena go kokoanya madi, ba tlhopha mongwe mo motseng, e ka nna yo o kobo dikhutshwane, molwetse kgotsa mo-na-le bogole mme ba mo tswe thuso nngwe e ba ka e bonang. O boletse fa ba simolotse tiro e mme maikaelelo a bone e le go tswelela ba e dira.

Kgosi Charles Bimbo o akgotse dikomiti tseo thata, a tlhalosa gore tiro e ba e dirang e ntle fela  thata e bile e itumedisa Modimo.

A re lebaka la go tlhopha Rre Oats le siame thata ka e le motlhoka pono e bile e le mogolo wa motse yo o ntseng le seabe mo setshabeng e le moruti wa kereke ya UCCSA ka nako e telele.

O kaile fa Rre Oats a godisitse bagolo ba motse o o mo tumelong mme a ba tlogetse ka neo e e ka sekeng ya ntshiwa mo go bone.

O rotloeditse dikomiti eo go nna tlhaga mo go thuseng balwetsi, dikoa le ba-na-le bogole ka lebaka la gore ke batho ba ba tlhokang lorato le go lekolwa gore ba tshele ka boitumelo.

Monnamogolo Rre William Oats o lebogetse mpho eo go menagane a tlhalosa fa komiti e tla a segofala fela thata.

E rile a akgela, Mme Torotia Oats e leng ngwana wa ga Rre Oats a bolela fa ba tshela monate thata le rraabone, ka e le motho yo o ratang go tlotla ka jalo a leboga Modimo go bo a mo tshedisitse lebaka le le kalo.

O tlhalositse gore ba amogetse bokoa jwa ga rraabone e bile ba santse ba mo tlhoka thata mo botshelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keiketlile Kelefhile

Location : TSABONG

Event : Go rolwa ga dithuso

Date : 28 Aug 2014