Lenaneo le fetola Kaudwane
28 Aug 2014
Lenaneo le le simolodisitsweng ke puso la go tsibogela go thusa le go tlhabolola matshelo a banni ba metse e e kgakala le ditlamelo go bolelwa le tsisitse pharologano e tona fela thata mo matshelong a banni ba Kaudwane.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng a re tema e a bonala e bile ga go na pharologanyo e e kalo fa gare ga motse wa gagwe le metse e e gaufi le ditoropo.
A re mo nakong e e fetileng banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba ne ba sa kgone go akola mananeo a puso go itlhabolola ka ntlha ya mafelo a ba leng mo go one, mme a re mo nakong eno banni ba akola mananeo a a farologaneng a puso mme ba tsweletse ka go tlhabolola matshelo a bone.
Kgosi Segwaba o supile fa puso ya lefatshe leno e tlhoka go phophothiwa legetla ka jaana e dirile go le gontsi go tlhabolola Batswana le gone go netefatsa gore mananeo a puso le ditlamelo di a goroga kwa metseng e e kgakala.
A re le ntswa go na le dikgwetlho tse di paledisang mananeo go tsamaya ka thelelo, banni ba Kaudwane ba setse ba thusitswe ka mananeo a tshwana le go loga moriri, go apaya borotho le thuo ya dihutshane mme mo nakong eno pharologanyo e a bonala ka jaana ba kgona go inosa metsi.
O tsweletse a re o akgola maiteko a puso a go apola Batswana kobo e e lefifi ya lehuma go menagane le fa ntswa lefatshe leno le babaletswe ke kwelotlase ya itsholelo.
A re maiteko a go thapa banni ba metse e e kgakala, mo lenaneong la Ipelegeng ka dipalo tse di botoka le go duelela bana kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro ka ditshenyegelo tsa puso di tsweletse sentle ka bontsi jwa banana ba ile dikoleng tsa ithutelo ditiro e bile bangwe ba setse ba alogile.
Go ntse go le foo, o supile fa bangwe banni ba motse wa gagwe ba ne ba sena fa ba ka latsang tlhogo teng, mme mo nakong eno ba setse ba agetswe matlo a boroko a le lesome ka lenaneo la go tsibogela go thusa ba metse e e kgakala mme e tla re mo tsamaong ya nako go agelwe ba bangwe ba le batlhano, jalo a re o lebogela seo fela thata ka jaana bonno bo le botlhokwa gonne bo fa motho seriti.
Kgosi Segwaba o akgotse badirelapuso ba ba itlamileng go diragatsa mananeo a puso, bogolo jang kwa dikgaolong tse di kgakala le ditoropo le metse e megolo mme ba sa ipone tsapa go direla tshaba ntswa ba tshelela mo diemong dingwe tse di thata di tshwana le go tlhoka motlakase le ditsela tse di siameng.
Le fa go ntse jalo, o gwetlhile botlhe go nwa moro mananeo a puso le thuso epe fela e e tswang kwa dikomponeng ka go somarela se ba se abetsweng gore ba tokafatse matshelo a bone le gone go itlhotlhora lehuma.
Mo go tse dingwe, Kgosi Segwaba o ngongoregela letlhoko la motlakase le a reng le kgoreletsa dikgwebo di tshwana le ya go dira moriri le go roka go tsamaya ka thelelo mme gape a lela ka seemo sa tsela ya Kaudwane se a reng se ngomola pelo fela thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 28 Aug 2014