Breaking News

Diphetogo di tlaa fefosa ditlhopo

28 Aug 2014

Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi, o tlhaloseditse banni ba Gobojango, Semolale le Mabolwe gore morago ga gore Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a phatlalatse palamente kgwedi eno ele masome a mabedi le boferabongwe, matona a puso one a tla tshegetsa tiro go fitlhelela morago ga tsatsi la ditlhopho go tsamaisa merero ya puso.

Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, Rre Kgathi yo gape e leng motshwaralela tona mo ofising ya ga tautona le bodirela puso o boletse fa go nale diphetogo  dingwe tse di dirilweng ke palamente mo tsamaisong ya ditlhopho.

A re   ditlhabololo tse di tsile go dira tsamaiso ya ditlhopho bofefo ka maina a batlhophi a rulagantswe ka difane e bile maduo a bokhanselara a tla balelwa kwa mafelong a botlhophelo.

Tona Rre Kgathi a re ka letsatsi la ditlhopho go tla nna le bodiredi jwa batsamaisi jwa ditlhopho ba ba tla thusang batlhophi kwa dikgorong tsa matlhophelo gore sengwe le sengwe se se amang ditlhopho se tsamaye ka bofefo.

A re bagodi, ba-na-le bogole, le bomme ba ba itsholofetseng ba tshwanetse go fiwa sebaka sa go tlhopha pele go setswe tsamaiso ya setho sa Setswana morago

Fa a ama lenaneo la nyeletso lehuma, tona o boletse gore go na le ditlhabololo tse di dirilweng mme go santse go emisitswe dithuto tsa nyeletso lehuma ka nakwana gore ba ba saletseng kwa morago ba thusiwe.

Rre Kgathi a re madi a dithuso tsa nyeletso lehuma a okeditswe go tswa kwa go P10 000 go ya go P15 000, a supa fa khuduthamaga e rebotse P20 million go dirisiwa go duela melala ya metsi kwa Water Utilities Corporation gore ditshingwana tsa merogo tse di neng di saletse kwa morago di simolole go dira.

A re badirela puso ba tla tsenya letsogo mo go lebeleleng gore lenaneo leo le tsamaya sentle, a supa fa ba ba berekang Ipelegeng le bone jaanong ba akareditswe mo thulaganyong ya nyeletso lehuma, selo se se ntseng se sa diragale.

Rre Kgathi a re seo se dirile gore palo ya baikopedi e ye kwa godimo, mme a re ba maphata a boipelego, temo thuo, pereko le selegae le ba diphologolo le makgabisa naga ba tla tsamaisa lenaneo leo.

O tlhaloseditse banni fa mananeo a a ikemiseditse go lwantsha lehuma la nta ya tlhogo, a supa fa 6.4 percent e tshelela mo lehumeng le puso e e ikaelelang go le nyeletsa mme seo se ka kgonega fa ba ba fiwang mananeo ba ka a tsaya ka tlhoafalo.

Fa a ama lenaneo la Ipelegeng, a re go a itumedisa go utlwa banni ba metse eo ba supa fa Ipelegeng e ba thusa fela thata mme a tlhalosa fa lenaneo la ISPAAD le lone le thusitse Batswana go ntsha dijo.

E rile a itebaganya le kgang e e tshwenyang banni ba metse eo ya molelwane, a tlhalosa gore Botswana o malala a laotswe go bula molelwane wa Mmamabaka fa lefatshe la Zimbabwe le supa fa le santse le amilwe ke seemo sa kwelo tlase ya itsholelo.

Rre Kgathi o ba lekodisetse gape fa letlhoko la koloi mo makgotleng a Gobojango, Semolale le Mabolwe le tuelo ya dikgosana tsa tetlanyo e tshwerwe ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae.

Fa ba ntsha la bone, banni ba boletse fa ba tshwenngwa ke seemo sa borukutlhi jo bo dirwang ke bangwe ba lefatshe la Zimbabwe ba ba tlodisetsang leruo la bone kwa lefatsheng leo. Banni gape ba lela ka terata ya matlhoko a leruo e ba bolelang fa e senyegile mme se se ka anamisa bolwetsi ja tlhako le molomo.

Ba boletse fa ba lephata la metsi ba tlisa melala ya metsi thari jalo go ba kgoreletsa go nwa metsi ka tshosologo mogodimo ga moo ba re metse ya bone e tlhaelelwa ke metsi

Le ntswa go ntse jalo, ba lebogetse lenaneo la Ipelegeng le ba reng le okeditse dipalo tsa babereki ba lone mo metseng eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 28 Aug 2014