Breaking News

Lephata le sireletsa bagwebi

28 Aug 2014

Tona wa papadi le madirelo, Mme Dorcus Makgato-Malesu a re Palapye o tlhoka go potlakelwa ka ditlhabololo ka jaana a gola ka bofefo.

Fa a simolodisa semmuso lekgotla la bagwebi la Palapye Bus Rank Traders Association kwa mapalamelong a dipalamo tsa setshaba tsa Palapye bosheng, Mme Makgato-Malesu a re lephata la gagwe le dirile go le gontsi go sireletsa bagwebi, a supa fa e rile bosheng ba dira ditshekatsheko tsa metse e e golang gore e ka thusiwa jang, mme ba dira molao go fokoletsa bagwebi ba babotlana ditshenyegelo ka go kgona go rekisetsa kwa malwapeng a bone.

Mme Makgato-Malesu a re e re le ntswa bagwebi ba babotlana ba dira lesome mo lekgolong, ba kgonne go tlhamela Batswana ditiro di le dikete tse di makgolo mararo, a supa gape fa ba rotloetsa go rekwa ga di-tswa temong tsa mono gae.

A re ba kgonne go reka ka didikadike tse some tsa pula di-tswa temong monongwaga e le bontlha bongwe jwa go rotloetsa bagwebi.

O ne a kgothatsa bagwebi ba babotlana go itshimololela ditirelo tse di ka ba busetsang, ka go ipopa go nna seopo sengwe, mme a tlhalosa ka lekalana le le tlhamilweng go elama dikgwebo (incubator), ka maikaelelo a go thusa bagwebi ka dikitso tsa kgwebo pele ba ka simolola kgwebo.

O ne a gwetlha bagwebi ba babotlana go dira dikoporase, a supa fa batho ba le lesome ba ka ikopanya go dira mmogo ka maikaelelo a le mangwe.

O ne a ba lebogela tema e ba setseng ba e segile ya go ipopa e le bagwebi, a tlatsa ka go re ba simolole go kabakanya kgwebo e seng go dira selo se le sengwe botlhe.

A re kgang ya gore ba tlhoka fa ba direlang teng ka nako ya dipula, diphefo le letsatsi ba ntse ba e tshwere go bona gore go ka dirwa eng ka yone.

Tona o ne a ba rotloetsa go adima madi kwa Citizen Entrepreneural Development Agency (CEDA) go tsamaisa dikgwebo tsa bone, a tlhalosa fa CEDA e adimisa go simologa ka P500.

Mo mafokong a gagwe a tebogo, mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya o supile fa Palapye e le motse wa ditso, a kaya fa e le lefelo la kgwebo le le tswang goo-Lowe jaaka le ne la ngoka bagwebi go tswa kwa Capetown le Kimberly.

O ne a leboga morafe wa Bazezuru a re ke bone ba rutileng Batswana kgwebo.

A re la ntlha Batswana ba ne ba tlhajwa ke ditlhong go ka bonwa ba rekisa mo mekgwatheng.

Rre Goya o ne a gwetlha bagwebi ba babotlana go inaakanya le go ikopela matlo a marekisetso fa a bapadiwa ke khansele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Tshimolodiso semmuso ya lekgotla la bagwebi

Date : 28 Aug 2014