Breaking News

Koporase e tla isa ditlamelo kwa setshabeng

28 Aug 2014

Maloko a koporase ya Kgalagadi Borwa a itlamile go isetsa setshaba ditlamelo ka go ba rekisetsa ka ditlhwatlhwa tse di botoka.

Mo puisanong bosheng, mothusa mogolwane wa Southern Kgalagadi Multipurpose Cooperatives, Mme Dikitso Boapotswe a re lebenkele le, le ne la bulwa ka maikaelelo a go isa ditlamelo mo morafeng wa kgaolo ya Kgalagadi ka nako e mabenkele a neng a se mantsi ka yone.

O boletse fa ba ne ba rekisa didirisiwa tsa kago gape ba thusa le maloko a koporase ka go ba tseela dikgomo  go di ba rekisetsa kwa matlhabelong  kwa Lobatse mme nako ya teng le ne le bidiwa Southern Marketing Cooperatives.

Mme Boapotswe  a re ba ne ba fetola leina  go nna Southern Kgalagadi Multipurpose Cooperatives ka 2007 ka gonne ba ne ba batla go rekisa dithoto  tse di farologaneng gape kgwebo ya go rekisa didirisiwa tsa kago e ne e sa tlhole e dira sentle. A re kwa Kgalagadi Borwa ba fitlhelwa kwa Tsabong, kwa Khuis kwa ba rekisang dilwana tsa kago fela fa kwa Kolonkwaneng gone ba rekisa dijo le dilwana tsa kago.

O supile fa mo nakong eno ba rekisa dijo tsa leruo ka ba lemogile gore barui ga ba ikaega fela ka gore diruiwa tsa bone di tlaa bona mafulo mo nageng. A re kgwebo ya go rekisa dijo tsa leruo e bogadi bo gaufi ka dijo tsa teng di sa nne lobaka lo lo leele mo lebenkeleng.

O tsweletse a re ka go sena gope fa dikgwetlho di tlhokegang teng, le bone ba lebanwe ke letlhoko la koloi e e ba tseelang dithoto go tswa kwa Lobatse kana Gaborone go tla Tsabong. Mme Boapotswe a re se se ama kgwebo fela thata ka ba kgona go nna nako e telele lebenkele le sena sepe.

O supile fa ba na le maloko a mantsi a a ka tshwarang makgolo a mane mme bontsi jwa bone ba le boitseme. O tsweletse ka gore se se ba tshwenyang thata ke maloko a a maoto a tshupa go nna le seabe mo go tlhabololeng lebenkele e bile ba sa supe kgatlhego ka go tsenelela diphutego tsa bone.

A re fa ba latela maloko go bona gore mathata a ka tswa a le fa kae fa ba sa tsene diphutego, ba ba bolelela fa bone e se maloko e bile ba sa gakologelwe sepe.

Mme Boapotswe o tlhalositse fa ba oka maloko a bone ka go ba isa dithutong kwa Sebele go tlhatlhelelwa ka lephata la koporase le molao-motheo wa lone. O rotloetsa Batswana ba ba nang le lesedi mo go tsa kgwebo go nna maloko a koporase gore ba tle ba amogane thuto e ba nang le yone le bone gore ba kgone go godisa kgwebo ya bone. O tlhalositse fa ba sa kgetholole ope ka mongwe le mongwe a letlelelwa go nna leloko la bone jalo a supa fa ba kopa gore setshaba se ba rotloetse ka go reka mo lebenkeleng la bone gonne ditlhwatlhwa di kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshepiso Tsietso

Location : TSABONG

Event : Puisano

Date : 28 Aug 2014