Makgalemele o lebogela tirisano mmogo
27 Aug 2014
Mopalamente wa Shoshong, Rre Phillip Makgalemele o tsweletse ka go buisa diphuthego tsa kgotla go laela batlhophi ba kgaolo eo.
Rre Makgalemele yo o neng a tlhophiwa go nna mopalamente ka ngwaga wa 2009, o boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Kalamare, Mmutlane, Mokgenene, Poloka, Otse, Kodibeleng le Moralane gore le fa bangwe ba ne ba ngongoregela tiego ya ditlamelo mo kgaolong le go seegelwa kwa thoko ditiro dingwe ntateng ya tlhaelo ya madi, seo ga se reye gore ba ne ba sa dirisane nae sentle.
A re le ntswa gona le ditlhabololo dingwe tse di saletseng kwa morago jaaka motlakase, ditlhaeletsano le ditsela tse di sa siamang mo metseng e tshwana le Moralane, Ikongwe, Mokgenene, Poloka le Tobela, o bone go le matshwanedi go iteela batlhophi ba kgaolo ya gagwe legofi ka fa ba berekileng mmogo ka teng.
A re ele batho ba kgaolo ya Shoshong, ba tshwanetse go ipelafatsa ka ditiro tse di dirilweng mo metseng ya bone jaaka kgokelo ya motlakase, ditlhaeletsano, kago ya diofisi tsa makgotla a Setswana le kago ya matlwana a borutelo le matlo a boroko jwa barutabana kwa dikoleng tsa Otse le Moralane.
Rre Makgalemele o tsweletse ka go rotloetsa batlhophi ba kgaolo ya gagwe go baya dikarata tsa bone tsa tlhopho le tsa Omang sentle go ipaakanyetsa ditlhopho tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi ya Phalane ele masome a mabedi le bone mme a boa a ba kopa gape goya go tlhopha ka dipalo tse dintsi, go dirisa tshwanelo ya bone ya go itlhophela baemedi ba mapalamente le makhanselara.
E rile banni ba metse eo ba mo kgwa kgaba, ba lebogela ditsela tsa sekonotere, kgokelo ya motlakase le kago ya diofisi tsa makgotkla a Setswana kwa Kalamare, Mmutlane, Mosolotshane, Kodibeleng le Otse, mme ba re ba ka itumela go menagane fa mmuso o ka tshela sekonotere tsela ya Mosolotshane/Moralane le tsela e tshwaraganyang metse ya Otse, Mokgenene, Poloka le Dibete.
Dingwe tse banni ba metse eo ba di lebogetseng ke mananeo a ISPAAD, LIMID, nyeletso lehuma le la Ipelegeng, ka ba kgonne go a dirisa go ikinola mo lehumeng ka go reka dikgomo, dihutshane le go simolola dikgwebo tse dipotlana fa lenaneo la Ipelegeng lone le diretse Batswana segolo jang ba metse ya magae ditiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Aug 2014