Komiti e atla kemo nokeng ya batsadi
27 Aug 2014
Lefatshe leno le gatetse pele ka go tswelela le tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng leno ka bophara e bile le itlamile go fa ngwana mongwe le mongwe sebaka sa go ithuta go sa kgathalesege gore ke wa seemo se fe.
Go rurifatsa se, go supagala fa bangwe batsadi ba ema maiteko a nokeng ka jaana ba gatetse pele go dirisana le barutabana kwa dikoleng.
Mo puisanong bosheng, modualsetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa motseng wa Semitwe mo kgaolong potlana ya Tutume, Mme Hahizee Masalila, o ne a supa fa komiti e e itumedisiwa ke kemo nokeng e batsadi ba e supang tebang le dithuto tsa bana ba bone.
A re batsadi ga ba nna fela ka go phutha diatla kana go baya gotlhe mo diatleng tsa bogogi jwa sekole. A re se se itumedisang le go feta ke gore fa batsadi ba bilediwa bokopano kwa sekoleng ba tla ka makatanamae, a tlatsa ka gore le fa go sena pitso ba kgona go tla fela go lekola tiro ya bana ba bone.
Mme Masalila o ne gape a supa fa tirisano ya bone le batsadi e sa remelela fela mo thutong, a re bangwe batsadi ba supa mowa wa boithaopo ka jaana ba tle ba phepafatse sekole le matlwana a boitiketso a bana ba a dirisang, ntle le go lopa dituelo dipe.
A re ntswa bangwe ba thapilwe ka lenaneo la Ipelegeng go setla mabele gore bana ba kgone go direlwa se ba ka se jang, bangwe batsadi ba tsweletse ka go ithaopa go thusa mo tirong eo.
Mme Masalila a re tirisano e e renang fa gare ga batsadi le barutabana e dira gore sekole se sebotlana sa motse se tswelele ka go ntsha maduo a a kgatlhisang.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Batisani Joseph, wa motse oo, o ne a akgola banni ba motse go bo ba sa ntse ba tlotla tirisano mmogo le therisano.
A re therisano e e renang mo motseng e dikile e ba tsiseditse sejana sa maemo a ntlha sa kgaisano ya motse o o phepa mo kgaolong ya Legare.
Kgosi Joseph a re ba dumelane ka bongwe fela jwa pelo gore leswe e nne mmaba mo motseng, a tlatsa ka gore go dira jalo ba ipopile ka ditlhopha mo dikgotleng tsotlhe ka boraro mo motseng go netefatsa gore seelo se ba se ipeetseng tebang le go phepafatsa tikologo ya motse se a atlega.
A re ditlhopha tse di rera gangwe le gape ka maano a a ka thusang go phepafatsa motse.
Kgosi Joseph a re le ntswa Semitwe e le legae, ba rotloetsa banni go disetsa leruo la bone kwa masimong fa e se nako ya temo, go itsa gore le tlaletlale mo motseng mo le ka felelang le baka tshenyo mo ditshingwanneng tsa bangwe tsa merogo.
Mo go tse dingwe, Kgosi o ne gape a supa fa banni ba motse ba amogetse mananeo a nyeletso lehuma ka tsoo pedi.
A re mananeo a a ogotse ba le bantsi mo isong e bile a file bangwe ba ba neng ba tshelela mo lehumeng seriti.
Le fa go ntse jalo, kgosi a re o bete se molangwa ka go diega ga mananeo. A re bangwe sale ba ikwadisitse mme nako kgolo ke eno, ba sa ntse ba letile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : SEMITWE
Event : Potsolotso
Date : 27 Aug 2014