Nlebesi o akgola sekole sa Tebogo
27 Aug 2014
Mapodisi a Selebi Phikwe a akgoletse sekolo sa Tebogo Primary School go dira ka thata mo ditlhatlhobong tsa lelwalo la bosupa tsa ngwaga o o fetileng.
Sekolo sa Tebogo ke sone se digogang kwa tlhogong mo maduong a lekwalo la bosupa mo dikoleng di le masome a mane le bobedi ka 98.6%.
E rile a akgola sekole sa Tebogo, mookamela mapodisi a Selebi Phikwe, Superitendent Victor Nlebesi, a leboga komiti ya batsadi le barutabana (PTA) go bo e dirile ka natla go netefatsa gore sekole se, se dira sentle. A re mafoko a bone ga wela fa fatshe, jaaka ba ne ba itlama gore ba tla dira ka bojotlhe gore bana ba tseye dithuto tsa bone ka tlhwaafalo.
O supile gore le bone e le ba sepodisi ba ne ba tla go buisana le bana ka ngwaga wa 2013 ba itlama gore e le ba sepodisi sa Selebi Phikwe ba tla dira sengwe se se tla gwetlhang bana ba ba tlang kwa morago go dira go feta le go gaisa ba ba setseng ba fetile teng.
Superitendent Nlebesi o tlhalositse gore e rile maduo a lekwalo la bosupa a tswa, sekole sa Tebogo sa bo se dirile go tlala diatla, ka jalo a bona go le maleba go ya go ikopanya le ba Business Community Policing gore ba itlhotlhore dipata go rekela sekole sa Tebogo mpho.
E rile a rola mpho ya sekapamantswe le didirisiwa tsa sone, go dirisiwa ditirong tsa sekole, Superintendent Nlebesi a tlhalosa fa ba dirile se ka lenaneo la Adopt a School.
O tlhalositse fa ba dirile thulaganyo ya gore sekole se sebotlana sa Tebogo se gokelelwe maranyane a inthanete, a tlhalosa gore ba setse ba buile le ba ba amegang go gokela maranyane ao.
A re go setse dituelo fela, ka jalo go ne go tlhoka madi a a kana ka P250.00 mme ba tla tlogela madi a a kana ka P770.00 go tla go thusa mo go tse di tlhokafalang mo sekoleng.
Superitendent Nlebesi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba na le dithulaganyo tsa go etela dikole tsotlhe tse di mo toropong ya Selebi Phikwe go tsamaya ba ruta bana ka pharologano ya molemo le bosula gore ba gole ba itse go tlotla molao, a tlatsa ka gore se, se ka dira gore e re ga ba gola go bo go sena borukutlhi mo lefatsheng la Botswana ka gore ke bone bagogi ba kamoso.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tebogo mo Selebi Phikwe, Rre Boyce Kagiso, a re maphata a tshwana le a sepodise sa Selebi Phikwe, ba bone go le botlhokwa go ikgolaganya le ba sekole se sebotlana sa Tebogo go se ema nokeng.
O lebogile komiti ya batsadi le barutabana ya lekalana la thuto ya legare, le mokhanselara wa kgaolo, a tlhalosa fa dithuto seka dipuisano tse di neng di tshwarwa go buisana ka tse di amang dithuto tsa bana di ntse mosola fela thata.
E rile a ntsha mantswe a kgothatso, Mme Lilian Matshameko a tlhalosa gore pele ga lenyalo go tshwanetse ga nna le lorato, le se se ka gwetlhang gore go nne le tomagano ya go nna jalo, ka jalo go supagetse fa ba lephata la sepodise ba kgatlhilwe ke ka fa sekole sa Tebogo se dirang ka teng mo dithutong tsa sone.
O tlhalositse fa sekole sa Tebogo se setse matshego a mararo a , ‘Coorperation’ eleng tirisano mmogo, ‘Communication’ e leng dipuisano ga reng ga barutabana le batsadi le la ‘Consultation’ e leng la therisano.
O lebogetse ba sepodise sa Selibe Phikwe go bo ba bone go le maleba go gokela maranyane a inthanete mo sekoleng ka gore mo malatsing a gompieno thuto e tla ka ditsela tse dintsi, a tlatsa ka gore maranyane a oketsa thutego ya ngwana.
O kopile badiri ba sekoloe sa Tebogo go tlhokomela didirisiwa tse ba di abetsweng ka gore ga se tsa sekole sa bo ne ba le nosi mme ke tsa Selibe Phikwe otlhe, ka bophara. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gabuoselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Letsatsi la go ipelela phenyo
Date : 27 Aug 2014