Molebatsi o bapatsa mananeo
27 Aug 2014
Banni ba Dovedale mo kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba kgothaditswe go dirisa mananeo a a itebagantseng le temo-thuo gonne ke botshelo jwa setswana go tswa goo-Lowe mme e bile bo ka se latlhe ope mo tseleng fa a inaakantse le jone ka tlhwaafalo.
Fa a buisa phuthego bosheng, mothusa tona ya temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi o tlhalositse fa metsi a le mantsi ka tlase ga lefatshe mo kgaolong ya Dovedale ka moo a kopa banni go ema ka dinao go itirele dijo tse ba ka itshetsang ka tsone.
O boletse gore puso e otlolotse letsogo ka go ntsha mananeo a temo a tshwana la ISPAAD, mme a re go mo maruding a Motswana mongwe le mongwe go ema ka dinao gore a akole mananeo a go nna jalo.
O tlhalositse fa motho a tshwanelwa ke go nna le tshisego ya go batla go dira mme a
ikwadisetse peo ka nako, a bo a kope le tse puso e di neelang balemi mahala di akaretsa tshefi ya go lwantsha mohero gammogo le go baakanya tshimo.
O boletse gore go sa sala morago mananeo a puso ke poelo morago, jalo a kopa Batswana gore ba le aramele le sa tlhabile gore mananeo a ba sologele molemo.
Rre Molebatsi o tsweletse a kopa Batswana go ema ka dinao gore ba itirele dijo mme a tlhalosetsa banni ka mananeo a mangwe a temo thuo a akaretsa a go agelela masimo, dipodi le a thuo ya dikgomo tsa mashi.
E rile a fa pego ya motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Isiah Gaseitsiwe a tlhalosa gore go tlhoka mokenti le molemisi go busetsa maiteko a bone a temo thuo kwa morago.
O tsweletse a tlhalosa fa ba tlhaela thuto e e maleba mabapi le tsa temo mme e bile gape go le bokete gore ba bone thuso ya leruo la bone. A re dingwe tse ba ka bong ba tsibosiwa ka tsone ga ba di bone, ka jalo a kopa gore motse wa Dovedale o tlisediwe bodirela puso jo bo lebaganeng le temo-thuo.
Mme Onkgomoditse Rebaone o kopile thuso mabapi le bolwetse jwa dikoko jwa mokorobalo gonne o tlhalositse fa a ne a segofetse ka lenaneo la dikoko, mme a setse a iphotlhere ka bolwetse joo bo bolailwe dikoko tsa gagwe tsotlhe.
Fa a araba matshwenyego a bone, mothusa tona Rre Molebatsi o tlhalositse gore o tla tlhomamisa gore motse wa Dovedale o thusiwa ka bodiredi jwa temo thuo.
O tsweletse a re e re le ntswa ba ka se nne le jone mo nakong e khutshwane, o tla netefatsa gore go nna le thulaganyo ya gore ba etele motse wa Dovedale go thusa balemi-barui le gore balemi barui ba itse gore ba ka ba bona leng, go na le go tsaya mosepele o moleele go ba latela kwa Mahalapye.
Mabapi le dikgang tsa bolwetse jwa dikoko, Rre Molebatsi o tlhalositse fa melemo e e fodisang bolwetsi joo e tsewa kwa diofising tsa temo-thuo mme a re o tshwenngwa ke gore pego ya gore molemo wa bolwetse joo o teng e bo e sa itsiwe, jalo a kopa ba ba lebaneng go nna ba fetisa molaetsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Chikumbudzi
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Aug 2014