Lore lo ojwa lo sa le metsi
27 Aug 2014
Go botlhokwa gore bana ba rutwe botho jo bo amogelesegang ba sale ba botlana gonne go ka thusa gore ba kgone go hema dikgwetlho tse bontsi jwa bone ba iphitlhelang ba lebanwe ke tsone fa ba gola.
Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Opelo Ntshwarelang wa Mosetse mo kgaolong potlana ya Tutume a re bangwe fa ba gola ba nna le go tsietsega ba bo ba felele ba retelelwa ke go ikgapha mo dikgwetlhong di tshwana le tiriso ya dinotagi, go tlhoka tsebe, go inyadisa le go ima ba sale bannye.
Kgosi Ntshwarelang a re mangwe mabaka a a rotloetsang maitsholo a a sa amogelesegeng a ke gone gore bana ba tlhokile kgakololo e e maleba ba sale bannye.
Kgosi a re go ruta bana bomolemo e ka nna segakolodi go ba itsa go inaakanya le dilo tse di ka ba gogelang mo thaelong tsa ba senyetsa le yone isago.
O tlhalositse fa metlha e fetogile mo go ya maloba, a re le ntswa bogologolo go ne go sita gore batsadi ba ka bua le bana ka tsa tlhakanelo dikobo, malatsi a go botlhokwa gore ba phuthologe ba nne le seabe sa go tsibosa bana ka bo diphatsa jwa tlhakanelo dikobo le tiriso ya dinotagi.
A re go tlhoka go fa bana kgakololo ka dikgang tse go ka dira gore ba felele ba wela ka lemena. Kgosi o kgadile a sa kgwe mathe batsadi bangwe ba ba ganang bana ba bone ba otlhiwa fa ba dirile molato.
Go sale foo Kgosi Ntshwarelang o supile fa a sa itumedisiwe ke bangwe batsadi ba ba itlhokomolosang tlhokomelo ya bana ka borre bangwe ba tlogela bomme ka morwalo wa bana ntle le go mo fa thuso epe. O supile gape fa bangwe bomme le bone ba setse ba kgona go tlogela rre a godisa bana a le esi.
Kgosi Ntshwarelang a re kgodiso le tlhokomelo ya bana e tshwanetse go nna boikarabelo jwa batsadi botlhe go sa kgathalesege gore ga ba mo nyalong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 27 Aug 2014