Breaking News

Khansele e ikanya thapelo

27 Aug 2014

Khansele ya Gumare e na le thulaganyo e mo go yone Laboraro mongwe le mongwe ba tshwarang dithapelo go ipaya fa pele ga ramasedi.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mokwaledi wa khansele potlana ya Okavango, Rre Keletso Baraedi o tlhalositse gore bokopano bo tsaya metsotso e le masome a mararo mo mosong mme ga bo a itebaganya le thapelo fela, bo rotloetsa gore badiri ba kopane go itsane le go tshegetsana mo mabakeng a a farologaneng a botshelo.

O tsweletse a re ba na le maikaelelo a go laletsa maphata a a farologaneng go ruta badiri ba khansele eo ka dilo tse di farologaneng di akaretsa go ba tlhatlhelela ka tiriso sentle ya madi ga mmogo le go rupa ga borre gareng ga tse dingwe.

A re ba na le lenaneo la go sidila babereki maikutlo ka gore mmereki yo o sa itumelang mo moeng ga a kake a kgona go ntsha maduo. O tlhalositse gore merapelo e, ga se ya babereki ba khansele fela, le setshaba se ba se thusang ba a tle ba se laletse mme ba lemogile fa seo se tsala tirisano mmogo fagare ga bodirela puso le setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mercy Sauzoo

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2014