Makhanselara a itumelela tirisano mmogo
27 Aug 2014
Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng ba iteetse legofi tirisano mmogo le tshwaragano tse di neng di rena mo khanseleng ya bone mo pakeng e e tshwanetseng go wela ka kgwedi ya Phalane.
E rile ba bua mo bokopanong jwa khansele eo jwa bofelo, mokhanselara wa Malwelwe, Rre Lefty Ramotswai a tlhalosa fa tsela e ba neng ba e tsamaya e ne e se motlhofo mme ka tshwaragano e e neng e le teng, ba kgonne go fitlha fa ba leng teng.
A re ba ithutile go le gontsi ka fa tlase ga modulasetilo Rre Friction Leuwe, yo a neng a ba tsamaisa ka botswerere thata mme e bile tsholofelo ke gore ba tla a tswelela ba dirisa se ba se amuleng go thusa setshaba.
A re o ‘bete se molangwana ka dingwe dikgang tse di saleng di kokonela metse e a neng a e emetse di akaretsa go tswalwa ga dipompo tsa morafe kwa motseng wa Ngware mo a tlhalosang fa go sokodisa banni ka ba patelesega go paka metsi.
Mokhanselara wa Takatokwane, Mme Neo Segaise ene o lebogile botlhe ba ba nnileng le seabe mo go atlegeng ga khansele eo, go akaretsa bodiredi jwa khansele le jwa ga molaodi ka a re bo nnileng le seabe se segolo mo go tshwaraganeng le bone go simolola tiro ya bone ya bokhanselara go fitlha mo nakong eno.
Le ene o lebogetse boeteledipele jwa ga Rre Leuwe a bolela fa a ba bopagantse, a ba rutile go tlotlana le gone go ratana mme e bile a re o dumela fa mowa o, e le one o o dirang gore khansele ya bone e bo e ne e le pharologano le tse dingwe tse di neng di aga di gogagogana le boeteledipele jwa tsone.
Rre Gabolemelwe Ramaeba wa kgaolo ya Kaudwane/Sorilatholo, ene a re o lebogetse go tsena mo khanseleng ka jaana go mmutse matlho gonne fa a tsena ka 2004 o ne a sa itse go bala le go kwala, mme mo nakong eno o kgona go dira jalo.
A re o tla a tsamaya a ipelafatsa ka bokgoni jwa gagwe jwa go lwela gore kgotla ya motse wa Sorilatholo e tlhatlosiwe maemo go nna le mokwaledi wa kgosi le mapodisi.
Mokhanselara Samuel Gopane wa Letlhakeng Borwa, ene o boletse gore makhanselara a tshwanetse go ipelafatsa ka tsela e ba kgonneng go e buelela gore e tlhabololwe ya Molepolole/Thebephatshwa le mororo e ne e lebanwe ke go buelelwa ke puso. A re ba tshwanetse gape go itebogela go lwela go dirwa ga ditsela tsa motse wa Letlhakeng.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Lee Bakae ene o kopile modulasetilo gore go itebaganngwe le ba koporase ya metsi ya Water Utilities mabapi le dingwe ditsamaiso tsa yone tse di babalelang banni.
A re koporase eo ga e neele badirisi ba metsi dipampiri tsa sekoloto sa metsi kgwedi le kgwedi jaaka fa go tshwanetse jalo sekoloto se gole mme se babalele banni.
O boletse fa motse wa Malwelwe o le kgakala le kwa go duelwang metsi teng jalo go se motlhofo gore bangwe ba ka ya go tlhola dikoloto tsa bone tsa metsi kgapetsakgapetsa mme seo se ba bakela bothata jo bo seng kana ka sepe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lilian Pelontle
Location : LETLHAKENG
Event : Bokopano jwa khansele
Date : 27 Aug 2014