Breaking News

Lenaneo la Tanka ya me Matlakala a me le simolodisitswe

27 Aug 2014

Ofisi ya tlhokomelo tikologo mo khanseleng ya Molepolole e simolodisitse lenaneo le le bidiwang Tanka ya me, matlakala a me la tiriso ya tanka ya matlakala mo malwapeng le mafelo a eseng a kgwebo, go thusa go tlhokomela tikologo.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa ofisi eo Mme Christinah Kalane o tlhalositse gore e rile bosheng ofisi ya rolela morafe wa Molepolole lenaneo le kwa kgotleng kgolo ya Bakwena.

A re maikaelelo a lenaneo le, ke go rotloetsa batho go tlhokomela tikologo bogolo jang mo malwapeng. Mme Kalane a re ofisi eo e itlamile go ruta morafe wa Molepolole ka botlhokwa jwa go nna mo tikologong e e phepa.

O boletse fa ofisi e simolodisitse lenaneo le kgwedi eno mme ya reka ditanka di le 300. A re tsamaiso ya lenaneo le, ke gore morafe o duela P200.00 kwa ofising ya madi ya Molepolole mme tanka e tsewe kwa ofising ya tlhokomelo tikologo.

A re morago ga go fiwa tanka ya matlakala, khansele e tla tsaya matlakala kwa lefelong sebaka sa dikgwedi tse thataro. O boletse fa morafe wa Molepolole o ikitaya ka thupana go ikwadisetsa lenaneo le, e bile ba etela ofisi go itse ka lenaneo la ‘tanka ya me, matlakala a me’.

O tsweletse a supa fa ofisi e gatetse pele go rotloetsa morafe go tlhokomela tikologo a re e rile bosheng ofisi ya tshwara dikgaisanyo tsa bophepa jwa malwapa e le tsela nngwe ya go rotloetsa batho go tlhokomela matlakala mo malwapeng.

O kaile fa dikgotla tse tlhano mo Molepolole di ne tsa tsaya karolo mo kgaisanyong e, di akaretsa, Goo-Ntloedibe, Ntloolengwae, Ratlhomelang, Ratotobole le Lephaleng.

O boletse fa ofisi e ne e thusiwa ke baemedi go tswa mo dikgotleng tse go kanoka le go tlhopha malwapa a mararo a a phepa mo kgotleng nngwe le nngwe.

A re moono o, e ne e le go rotloetsa batho go tlhokomela matlakala mo malwapeng. A re ofisi e ne ya itlama go tseela malwapa ao matlakala mahala sebaka sa kgwedi tse tharo, seo e le yone mpho mo dikgaisanyong tse.

Mme Kalane o ne gape a gatelela botlhokwa jwa go somarela tikologo, a tlatsa ka gore go latlha matlakala mo tseleng le go a tshuba ke molato. Go ya ka Mme Kalane, batho ba dirisa ditsela tse di sa letlelelweng go latlha matlakala.

O ne a nankola molao wa tlhokomelo matlakala wa 1998, a supa fa go latlha matlakala fa a sa tshwanelang le go a tshuba e le molato. O ne gape a bolela fa katlholo ya molato wa go latlhela matlakala fa a sa tshwanelang jaaka mo tseleng e le P14 000.00 kgotsa dingwaga tse di sa feteng lesome mo kgolegelong.

Mme Kalane a re batho ba tshwanetse go tshwara matlakala ka kelelelo, ka jalo o kopile morafe wa Molepolole go tswelela ba ikwadisetsa lenaneo la ‘tanka ya me, matlakala a me’.

A re ke boikarabelo jwa morafe go tlhokomela malwapa, ka jalo ba dirise tanka ya matlakala mo malwapeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kamogelo Nkile

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2014