Breaking News

Kaenatjito ga a ipone tsapa

27 Aug 2014

Mme Pudulogo Kaenatjito wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi o supile fa e le senatla se se sa ineeleng, ka o tsweletse ka go ntsha merogo e e duleng diatla le ntswa tshingwana ya gagwe ele mo lefelong le le matlapa. 

Mo potsolotsong bosheng, Mme Kaenatjito o tlhalositse fa go lema mo matlapeng e le kgwetlho e tona mme fela fa motho a ititeile sehuba o ka kgona go jesa ba lelwapa le go rekisetsa morafe ka kakaretso.

A re matlapa a a tletseng lelwapa lotlhe ga a mo kgoba marapo go ikopela dithuso tsa tshingwana ya merogo. O kaile fa kgwetlho e tona ya go lema mo matlapeng ele gore ga kgone go jwala dingwe tse a eletsang go di lema jaaka ditapole le tse dingwe tse di tsalelang kwa tlase ga mmu.

Go lwantshana le matlapa ao, Mme Kaenatjito a re o dirisa kiriba e ae abetsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go tabola mmu oo nonneng ka fa tlase ga ditlhare mme ao dirise go nontsha dijalo tsa gagwe.

Go nontshetsa mmu o pele Mme Kaenatjito o tlhalositse fa gape a dirisa manyoro a a dirwang ke dikoko. Se, o boletse se thusa fela thata ka matlapa a fokotsega mo tshingwaneng mme dijalo di kgone go bona phatlha.

O tlhalositse fa a itumeletse tshingwana e fela thata ka jaana a kgona go rekisa merogo e mo motseng wa Pilane a bo a jesa ba lelwapa la gagwe.

O supile fa tshingwana e e tsisitse pharologanyo mo botshelong jwa gagwe jwa pele le jwa gompieno.

A re ka nako ya a sena tshingwana o ne a ikantse fela madi a boithaopo mme a ne a sa mo thuse mo go kalo ka ane a tlhaelela kgakala.

Mo bogompienong, Mme Kaenatjito a re fa a na le mathata o tsena mo tshingwaneng mme a ithuse ka morogo oo godileng le ditamati, a di rekise.

O tlhalositse fa madi ao a mo thusa go reka motlakase le dipeo tse disha gore a boe a leme gape.

Mme Kaenatjito o boletse fa a berekile ka masetla gore tshingwana e tswelele ka jaana a na le kgwetlho ya metsi mme a supa fa molatswana o fetang gaufi o mo thusa ka metsi ka jaana a kgona go paka metsi a teng mme a dirise go nosa.

Nngwe ya dikgwetlho tsa gagwe ke dikhukhwane tse di tshwenyang merogo ya gagwe.

A re dikhukhwane tse di tshwenya thata morogo wa ‘rape’, a tlatsa ka go supa fa merogo e mengwe yone e sa tshabelelwe ke diji thata.

Le fa go ntse jalo, a re o ne a lekodisa ba temo-thuo gore ba mo thuse go lwantsha khukhwane eo, gore temo ya gagwe e ntshe maduo e bile e golele pele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogopoleng Rantopele

Location : PILANE

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2014