Go lekola balwetse go botlhokwa
27 Aug 2014
Kgosi David Toto ll wa Tsabong a re go lekola balwetse go botlhokwa ka e le go ba supegetsa lerato mme seo se ka ba thusa gore ditlhabi tsa bone di kokobele.
Kgosi Toto ll o buille se bosheng fa a amogela baphuthegi ba kereke ya Roma go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng mo bokopanong jwa bone mo Tsabong.
Kgosi Toto ll o ne a kaya fa dipuisano tse di le botlhokwa ka e le go tla go rutana, go abelana megopolo, go gakololana, go tsosolosana ka semoya le gone go ikgakologelwa gore maikaelelo a kereke ya bone go ya pele ke eng.
Kgosi o ne a lebogela ba kereke ya Roma ka mowa o montle o ba o supileng wa kutlwelo botlhoko le lorato ka go tla go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong dimpho mo motsing wa gagwe, go lekola balwetse ba ba robaditsweng kwa dipateleng ka go ba rapelela gore ba tle ba tokafale mo ditlhabing tse ba leng mo go tsone le gone go supa gore setshaba se kgathala ka bone.
O kaile fa gape a itumedisitswe ke go bo ba kereke ya Roma ba kgonne gape go etela ba ba kwa dikgolegelong ka seo e le go ba bontsha lorato lwa ga Jesu le le mo dipelong tsa bone le gone go gasa enfangedi, go rera lefoko la modimo mo go bone lo lo ka ba sidilang maikutlo le go ba aga.
Kgosi o ne a kaya fa ba tshwanetse go phatlalatsa se ba se rutilweng mo setshabeng ka kakaretso ka se se ka thusa go bopa setshaba se se nang le kagiso e e tsepameng.
Ba kereke ya Roma ba ne ba abela batlhoki,balwetse le magolegwa dijo le melora tse di lopileng madi a a kanang ka P12 700.
Fa a amogela dimpho tseo mme Mphoyamodimo Modisaemang go tswa mo ofising ya boipelego o ne a leboga thata a supa fa seo se tlaa imolola Khansele ya Kgalagadi ka ba tshwere phage ka mangana ka ba tlhokomela batlhoki ba le bantsi thata mo kgaolong eo ka dijo kgwedi le kgwedi.
Mme Modisaemang o ne a gakolola dikereke go rapedisa bana ba basetsana le go ba okela mo kerekeng ka ba wela ke dihawa di tshwana le tlhakanelo dikobo ba sa le bannye.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kereke
Date : 27 Aug 2014