Breaking News

Lekgotla le neetse morafe dithoto

27 Aug 2014

Lekgotla la Palapye Development (PDT)  le roletse morafe wa motse oo dithoto tse e neng ya re puso e tsaya dikago tsa ithutuntsho tsa brigade tsone tsa sala mo diatleng tsa lone ka 2011.  

Erile ba rola dithoto tseo go di neela ba lekgotla la nakwana le le neng la tlhophiwa la Palapye Development Advisory go di tshwarela morafe, modulasetilo yo o tswang le lekgotla la botsamaisi go tswa ka 2006 e le leloko, ya re ka 2010 a tlhophiwa go nna modulasetilo Rre Dithapelo Tshotlego o ne a supa fa nako e tsile ya gore ba neele morafe ditsa bone tse ba sa bolong go di ba tshwarela.

Rre Tshotlego o ne a tlhalosa ka bokhutshwane ka lekgotla le a neng a le modulasetilo wa lone, gore ke lekgotla le le neng le ntse le le teng pele ga a nna leloko la teng ka 2006, a supa fa dingwe tse ba neng ba di neela morafe di akaretsa dikago tsa  mabenkele, marekisetso a lookwane a Puma tse dikafatlase ga botsamaisi le tlhokomelo ya Jacinth Holding PTY LTD, fa bone ba ne ba le kafa tlase ga PDT e le batsamaisi. 

O ile a supa gore dikago le sekole sa brigade di setse mo diatleng tsa puso, mme a tlhalosa ka gore ba ne ba dira go le gontsi go somarelela morafe dithoto tsa bone ka go thapa Mme Unity Dow mo go tsa semolao go ba thusa go lwa ntwa ya go somarelela morafe dikago tsa marekisetso tse di neng di gomagomediwa ke go tsewa.

Rre Tshotlego a re ene le komiti ya gagwe le moladi Mme Veronica Rabakane ba ne ba sa bone boroko, ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go busetsa seemo mo mannong tse di mo tsamaisong e e siameng e bile di tsenya madi, a re mo nakong eno di kgonne go nna le madi a P25 million a a mo polokelong.

Mongwe wa dibui e ne ya nna molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye Mme Veronica Rabakane yo a neng a kopa morafe go ba imolola mokgweleo o ba o rweleng ka go tsaya dithoto tsa bone, a re tiro e ba neng ba e neetswe e ne e se motlhofo.

O ne a re bone ga ba tshabe sepe, mme fela fa go na le tse morafe o batlang go di latedisa ba ka dira jalo ka ba teng ke Batswana ga gona gope kwa ba ka tshabelang teng, a supa fa le bone dithoto tse e le tsa bone mme ba tshwanelwa ke go nna le boikarabelo mo go tsone.

Mme Dow yo o neng a lebagana le tsa semolao a emetse lekgotla la PDT, o ne a re tshekatsheko ya dibuka e dirilwe, mme tsotlhe di siame, a re lekgotla le ne le eteletswe ke batho ba ba ka dirang diphoso “Nkgo go thubega e e ileng nokeng” a raya gore diphoso di dirwa ke yo o dirang, ga gona yo o ka dirang phoso a sa dire sepe.

O ne a kopa morafe, go leboga, go gakolola kana go kgala fa go tlhokega, ka kitso ya go lemoga bokete jo lekgotla le neng le botshwere.

Mo dikakgelong mongwe wa bao ba ba neng ba amogela dithoto mo boemong ja morafe Kgosi Klaas Motshedisi o ne a supa fa ba amogela dithoto ba le bete semolangwana ka bontlha bongwe ja dithoto bo seyo ebile go sa umakiwe sepe ka tsone le mo mokwalong di sa kwalwa.

A re  seo se ka nna mo maruding a morafe gore a bone ba bona go tshwanela go amogela tse di teng fela kwantle gat tse diseyong le gore di kae, o ile a batla go itse gore dikoloto tse di dirilweng ke ba PDT go ya godirwa jang ka tsone.

Rre Onnetse Ramogapi ene o ne a re a morafe o amogele dithoto tseo, mme a re  a kompone e e ba tshwaretseng dithoto tsa Trust ya Jacinth HoldingsPTY LTD e ntshiwe.  O ne gape a re temana e e reng motho o ka seka a sekisiwa  fa a senyeditse lekgotla le yone e lebelelwe. 

Bontsi bo ne ja supa fa ba dumelana le gore PDT e rolele morafe dithoto tsa one, le gore a go nne le mowa o montle wa neelano.

Rre James Olesitse o ne a re a go bewe sebaka sa gore lekgotla le le neelwang le ya go tsaya sebaka se se kae, a tlatsa ka gore ene o ne a ka ba fa dikgwedi tse thataro fela go bo go ka tlhophiwa lekgotla le le lesha.  

Mme a tladiwa ke banana ba motse wa Palapye gore fa godimo ga moo dikgosi ke bagakolodi ba setshaba ka maemo a bone ka jalo go nna teng ga bone mo komiting e e amogelang dithoto tsa morafe go ya go baya morafe kafa mosing, ba ya go tshaba go buwa ka tshosologo.  

Bangwe ba ne ba re a komiti e e tsayang e fiwe sebaka sa dikgwedi tse thataro fela, mme ga lebega ba sa sekegelwa tsebe ke ope, seo sa rata go ntsha phuthego mo taolong fa bontsi bo ne ja emelela phutgeio e esi e wediwe go supa go sa itunmedisiweng ke karabo e ba neng ba e fiwa ya gore bone e le morafe le lekgotla le le tsayang ba tlaa buisana ka lobaka le lekgotla le tlaa le tsayang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : KItso Simon

Location : PALAPYE

Event : Tholelo dithoto

Date : 27 Aug 2014