Breaking News

Ba santse ba batla ditlhabololo

26 Aug 2014

E re lentswa ba lebogela ditlhabololo dingwe tse di dirilweng mo metseng ya bone, banni ba metse ya Sechele, Makaleng le Matenge, mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba ngongoregetse go bo go sa ntse go na le dingwe tse di ba tshwenyang mo metseng ya bone.

Fa ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Charles Tibone, kwa metseng eo bosheng, banni ba ikuetse ka seemo se se maswe sa ditsela tse di lomaganyang metse ya bone.

Banni ba ikuetse ka letlhoko la matlo a boroko jwa baithuti kwa sekoleng sa Pelaelo JSS, se se kwa Makaleng, ba tlhalosa fa go tlhoka matlo kwa sekoleng seo go baya baithuti ba metse e e dikologileng motse wa Makaleng ka fa mosing ka jaana ba tsoga makuku go ya sekoleng.

Ba re seo, se ama thuto ya bana fela thata e bile se dira gore palo ya baithuti mo sekoleng seo e fokotsege ka jaana batsadi ba setse ba batlela bana ba bone diphatlha kwa go nang le matlo a boroko teng, ba tlatsa ka gore phelelong sekole seo sa Pelaelo se tla fetoga letlotla.

Banni ba metse eo ba tsweletse ka go kopa gore palo ya badiredi ba lenaneo la Ipelegeng e okediwe go leka go namola batho mo tlaleng le go fefosa ditiro tsa lenaneo leo.

Le fa go ntse jalo, monni mongwe wa Sechele, Rre Morgan Situme, o ne a supa babereki ba Ipelegeng ka monwana, a re ka fa ba gogang dinao ka teng mo tirong ya bone, ke moka ba dira tshenyetso setshaba, ka ba tsaya dikgwedi ba tshwere tiro e nnye, e ba ka e fetsang mo lobakeng la kgwedi, ba tsweletse ka go duelwa kgwedi le kgwedi.

Rre Situme o ne gape a kopa gore go oketswe dikatso tsa maloko a ditlhabololo tsa metse, a re ba dira namane e tona ya tiro go loga maano a ditlhabololo tsa metse , a tlhalosa fa dikatso tseo tse di kwa tlase di kgoba maloko marapo mo ba felelang ba sa dire tiro ya bone ka botswapelo.

Banni bangwe ba Sechele ba boletse fa ba sa bolo go ikwadisa mo lenaneong la nyeletso lehuma, mme nako kgolo ke eno, fa bagwe bone ba ne ba ikuela ka tshenyo e e dirwang ke leruo le diphologolo tsa naga mo masimong a bone.

Banana bangwe ba Makaleng le Sechele ba supile matshwenyego a go bo ba sa bone dituelo tsa bone sentle tsa dikgaisano tsa metshameko ya dikgaolo. Fa ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse wa Makaleng, Rre Anthony Butale, o ne a supa fa ba tshwenngwa ke tlhaelo ya boroko jwa badirela puso mo motseng, a bo a kopa gore ba agelwe diofisi tse mapodise a direlang mo go tsone, ka jaana mo bogompienong ba dirisa diofisi tsa lekgotla la Setswana.

Monni mongwe wa Makaleng, Rre Rubeun Mbakile, a re e re lentswa ba ba lebogela tsela ya Sebina/Masunga, fela o na le pelaelo ya gore boleng jwa yone ke jo bo kwa tlase, mme e ka se nne lebaka.

E re dikgang di eme jalo, banni ba Matenge ba ne ba kopa gore go dirwe borogo mo tseleng e e lomaganyang motse wa bone le wa Masingwaneng, le gore tsela e e dirwang, e e tswang kwa tseleng ya Sebina/Masunga, e dirwe go ya go fitlha kwa bofelelong jwa motse go na le gore e eme fa kgotleng jaaka go akantswe.

Mopalamente Tibone o ne a tlhalosa fa kwelo tlase ya itsholelo e ne ya kgoreletsa ditlhabololo dingwe go dirwa, a re fela o itumelela kemonokeng ya banni ba metse eo le seabe sa bone se ba se supile tebang le ditlhabololo tsa metse ya bone.

O ne a laela banni, a ba itsese fa a tsere tshwetso ya go boela morago go nna moemedi wa bone mo dingwageng tse di lesome. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : SECHELE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Aug 2014