Breaking News

Ba ikuela ka ofisi ya banana

26 Aug 2014

Banni ba Molepolole ba kgadile ba sa kgwe mathe tsamaiso e ba reng e sokame ya ofisi ya banana kwa motsing oo.

Banni ba kgotla ya Garathomelang le Madutelaba ba buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse dineng di buisiwa ke motshwarelela tona mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, Rre Vincent Seretse.

Banana ba boleletse tona fa ba tsenya dikopo kwa ofising ya banana mme sebe sa phiri ke gore dikopo di tsaya nako e telele ba letile mme ba sa itsisiwe gore a ba tla atlega kgotsa jang.

Mogodimo ga moo, banana ba tlhalositse fa dikopo tsa bone ntlha e nngwe di paledisiwa ke difomo tse ba kaileng fa di le thata mme ba kopa puso gore e tlhofofatse difomo tseo tsa ikopelo gore dikopo tsa bone di atlege.

Fa a tswa la gagwe mme Kedumetse Mojafhe o kopile tona go tsenya leitlho mo metshamekong ya dikgaolo ya lenaneo la ga tautona, tse a supileng fa di sa tsewe tsia ke boeteledipele e bile a re tsamaiso ya bone ga e a tlhamalala.

Mme Mojafhe o tsweletse a tlhalosa fa banana ba sa kgone go bona dithuso tsa CEDA ka ba batliwa gore ba bo ba na le lefatshe le dithoto tse di ka emelang madi mme di ka gapiwa fa moikopedi a palelwa ke go duela, dilo tse banana ba lefatshe le ba senang tsone.

Sebui se sengwe, Rre Joseph Tshireletso, monni wa Molepolole, o kopile puso go emisa Ipelegeng fa letsema le bolotswa kgotsa e fudusediwe kwa masimong, ka a re balemi ba tlhoka batho ba ba ka ba thusang mo masimo ntswa ba ba duela lemme le le gaisang la Ipelegeng.

E rile a bua Rre Seretse o ne a tlhalosa gore banana ba ka dirisana le ba ofisi ya LEA go bona thuso ka ditiro tsa bone. A re LEA e fa bogakolodi jwa dikgwebo le ikopelo madi mahala.

Tona o ile gape a re bodiredi mo diofising tsa banana bo tshwanetse jwa busetsa baikopedi phetolo ka dikopo tsa bone ka bofefo le gone go ba fa tlhalosa fa go nnile le madiadia tebang le dikopo tsa bone.  Le fa go ntse jalo, a re ntlha e nngwe ke gore Batswana ga ba rate go bua nnete mme se se felela se dia bodiredi go ka busa phetolo ka bofefo.

Fa a akgela mopalamente wa kgaolo Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, o ngongoregetse gore thulaganyo ya nyeletso lehuma e saletse kwa morago mo Molepolole. A re dipalo tsa batho ba ba iseng ba sekasekwe di kwa godimo fela thata.

O boile a re lephata la temo thuo le simolodisitse lenaneo le mo go lone dihutshane di tla kgobokanyediwang golo go le gongwe mme morago di rekisediwe batho ba nyeletso lehuma go leka go tila tiego ya theko ya dihutshane.

A re lenaneo le le setse le simolotswe kwa Ghanzi e le tekeletso mme e tla a re morago le atolosetswe kwa dikgaolong tse dingwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Aug 2014