Breaking News

Lenaneo la kapei le ntsha maduo

26 Aug 2014

Go bolelwa fa kwa Grootlagte mo kgaolong ya Ghanzi lenaneo la kapei la nyeletso lehuma le tswa tema.

Mo potsolotsong, Bomme  Nelly Lerou, Nelly Phuthulogo, Xhabo Xota, Xgaghu Xito le Tsebe Xaxe ba tlhalositse  fa ba tsentswe mo setlhopheng go dira mmogo mme e bile ba dira sentle fela.

Ba re go botlhokwa go bereka ka setlhopha ka jaana tiro e nna motlhofo e bile ga ba letlelele gore go nne le tlhoka kutlwisisano fa gare ga bone gonne ba batla go intsha mo lehumeng

Bomme bao ba re khansele e ba neetse P30 000 ka Seetebosigo mono ngwaga  go simolola kgwebo ya bone mme  ba mo dirisitse go reka didirisiwa tsa kgwebo di akaretsa dipitsa, ditafole, dikotlele gammogo le dintshwana.

Moeteledipele wa setlhopha, Mme Nelly Lerou o tlhalositse fa madi ao a ne a sa lekana go ka reka didirisiwa tsotlhe ka jalo ba adima P3 000 mo ditsaleng tsa bone go reka bopi jwa borotho, ditapole, merogo, matlhare a tee le sukiri gareng ga tse dingwe.

Kgwebo ya bomme ba, e ba e kwadisitseng ka leina la Boitsoso e apaya dijo di akaretsa dichipisi, magwinya, sopo le tee mo godimo ga moo ba apaya dijo tsa motshegare ka mafelo a beke mme fa gare ga beke ba di apaya fela fa go na le phuthego kana metshameko mo motseng.

Mme Lerou a re fa e sale ba simolola, kgwebo e tsamaya sentle e bile ba solofela fa e tlaa ba ntsha mo lehumeng mo nakong e e sa fediseng pelo. A re ba kgonne le gone go busa madi a ba neng ba a adimile go reka dijo.

Mme Lerou a re ba kgona go itshetsa ka madi a ba a amogelang mme ba na le tshepho ya gore e tla a re mo tsamaong ya nako ba bo ba kgona go ikamogedisa madi fela a a botoka, fela ke gore mo nakong eno ke gone ba simololang kgwebo e bile ba santse ba batla go e godisa.

A re madi a mangwe a ba a bonang ba oketsa dijo tsa kgwebo e bile ba oketsa le didirisiwa tse dingwe tse ba sa kgonang go di reka. O tsweletse a  re ba rekile le yone kapari e ba e dirisang ba theogetse go rotloetsa bophepa le tebego e e kgatlhisang.

Bomme bao ba theogela beke yotlhe ba bo ba ikhutsa ka Sontaga fela. Mme Lerou o akgotse komiti ya ditlhabololo tsa motse go bo e ba neetse lefelo le ba direlang mo go lone.

A re le ntswa kgwebo ya bone e tsamaya sentle go na le dikgwetlho dingwe tse di ba kgoreletsang go dira ka natla di akaretsa letlhoko la metsi le motlakase fa lefelong le ba direlang mo go lone.

Ba re ba gelela metsi kwa pompong ya setshaba kgakala le kwa ba direlang teng mme seo se ba ketefaletsa tiro. Ba tlhalositse gape fa ba tlhoka dikgong tse ba ka di dirisang go apaya dijo tse di tsayang nako go butswa jaaka dinawa gore ba kgone go somarela gase.

Ba re gape ba tlhoka koloi e ba ka e dirisang go rwalela dikgong le dipitsa tse di apayang mo molelong.  Mme le fa go ntse jalo ba re seo ga se kake sa ba kgoba marapo. Mme Lerou o akgotse mmaboipelego wa motse go bo a ba eme nokeng mo kgwebong ya bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Dinah Johane

Location : GHANZI

Event : Potsolotso

Date : 26 Aug 2014