Breaking News

Makhanselara a tshwenngwa ke dipego tsa Ebola

26 Aug 2014

Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a gateletse botlhokwa jwa go dira gotlhe mo go ka kgonegang go thibela bolwetse jwa Ebola, jo bo apesitseng mafatshe a bophirima jwa Aforika kobo ka letshoba.

Fa ba akgela bosheng mo pegong e ba neng ba e bewa pele ke modulasetilo wa khansele Rre City Kealotswe, fa a ne a simolodisa phuthego e e tsweletseng ya khansele eo, makhanselara a ne a supa fa go tlhokega gore go gagamadiwe ditsela tsotlhe tse di ka thusang go thibela kanamo ya bolwetse joo.

Mokhanselara Bakani Badziili, wa kgaolwana ya Siviya, o ne a supa fa puso e tshwanetse go baya seemo leitlho gongwe le gongwe, eseng fela kwa dikgorong tsa melelwane, ka jaana go sa ntse go na le batho ba ba tsenang le go tswa mo lefatsheng leno ka ditsela tse di sa letlelesegeng.

Rre Badziili a re batho ba go nna jalo ba ba tlolang terata ya molelwane fa go sa tshwanelang teng, ba baya lefatshe leno mo seemong se se maswe sa go ka tloga le rothegelwa ke madi a kgofa.

A re ka ntlha ya se, go tshwanetse ga engwa ka dinao go disa melelwane go itsa metsamao epe e e seng ka fa molaong. Go sale foo, mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Moses Maloiso, ene o ne a supa matshwenyego ka fa lephata la botsogo le tsibogetseng tlhagogo ya bolwetse jwa Ebola kwa mafatsheng a mangwe ka teng.

A re mo nakong eno lephata leo le ka bo le le mo letsholong go ralala lefatshe leno le buisa dikhansele le setshaba ka kakaretso ka bolwetse jo. Le fa go ntse jalo, Rre Maloiso o ne a supa fa go santse go na le nako  gore letsholo le bolodiwe go tlhaba setshaba podi matseba ka seemo se se sa eletsegeng se, a re go ka nna thona gore tshaba ya lefatshe leno e tshokane e wetswe ke seru e sa se ipaakanyetsa mo go lekaneng.

E ntse e le mo dikgannyeng tsa botsogo, mokhanselara Ronald Zwinila, wa Masunga, o ne a supa ngongora ka seemo sa sepatela sa Masunga, se a boletseng fa se tlhaelelwa ke didirisiwa di akaretsa dikobo tsa balwetse.

Rre Zwinila o ne a kaya fa seemo seo se le maswe thata ka mo mabakeng a mangwe balwetse ba tlamega go itlela ka dikobo go tswa kwa malwapeng fa go tlhokega gore ba robadiwe.

Fa a latlhela la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Moroka, Rre Edward Makhumalo, o ne a kopa modulasetilo wa khansele le bogogi jo bongwe jwa kgaolo go tsibogela kgang ya seemo se go kaiwang se sa jese diwelang sa sepatela sa motse wa Masunga.

O ne a supa fa dikgang tsa mothale o di tshwanetse tsa potlakelwa gore fa di ntse jaaka di begwa di baakangwe seemo se ise se tswe mo taolong phetelela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 26 Aug 2014