Breaking News

Kgosi o ikuela mo mokgatlhong

26 Aug 2014

Kgosi Maruje III o tlhalositse fa a tshwenngwa ke dikgwetlho segolo jang tse di amanang le banana ba motse wa gagwe di akaretsa letlhoko la ditiro, tiriso botlhaswa ya dinotagi, gammogo le mowa wa go ipolaya.

E rile a bua kwa moletlong wa go abela batlhoki ba kgaolo ya Bokone Botlhaba dikobo, diaparo, dijo le melora, Kgosi Maruje a tlhalosa fa meletlo e tshwana le e, segolo jang ya dikereke e ba fa tsholofelo ka go supa fa ba se nosi mo ntweng ya dikgwetlho di tshwana le lehuma.

O lebogetse mokgatlho wa St. Anne go supa mowa wa neelano le lerato mo go bo morwarraabo ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Kgosi Maruje a re o lebogela e bile o itumelela go bona dikereke di tshwana le ya Roman Catholic di tsweletse ka go tsenya letsogo mo go thuseng go tlhabolola lefatshe leno.

O tsweletse a re bakeresete ke bone ba ka tsisang tsholofelo segolo jang fa setshaba se farafarilwe ke mathata. E rile a tswa la gagwe, Father Akofang Mantu a tlhalosa fa ba dira thato ya Modimo ya go thusa ba ba tlhokang thuso, a tlatsa ka gore motse wa Masunga o sego go bo o kgonne go abelwa lemmenyana le le tlaa ba thusang go thiba diphatlha fa go tlhokegang.

Modulasetilo wa mokgatlho wa kgaolo ya Bokone o o akaretsang metse go tswa Dibete go fitlha kwa Gantsi, Mme Dolly Monagen o tlhalositse fa ba aba dimpho ngwaga le ngwaga, mme a supa fa bosheng ba abetse motse wa Letlhakeng dikobo di le masome a matlhano le dikolotsana tse di dirisiwang ke ba-na-le bogole di le lesome.

A re ba itlamile ka matshego a le mararo e bong, go direla kereke, lelwapa le setshaba. Mme Monagen o tsweletse a tlhalosa fa ba itlamile gape go thusa ngwana mongwe wa mo-na-le bogole mo motseng oo ka go mo tsenya sekole le go mo direla tsotlhe tse di tlaa mo fang pabalesego le tsholofelo mo botshelong. Mo godimo ga dimpho tse ba di abetseng kgaolo e, Mme Monagen o tlhalositse gape fa ba tlaa tsisa dikolotsana tsa ba-na-le bogole di le lesome mo bogaufing.

E re ka gotwe bana ba motho ba kgaoganngwa tlhogwana ya ntsi, Mme Monagen a re dimpho tseo di tla kgaoganngwa batlhoki ba kgaolo ya Bokone Botlhaba, mme o dumela fa di tlaa tsisa pharologanyo mo go bone. Mme Monagen o tlhalositse gape fa ba gokeletse metsi ba bo ba agelela setsha sengwe sa mo-na-le bogole gone mo Masunga.

O rotloeditse kgosi go tswelela a gasa lefoko la Modimo go kgothatsa setshaba sa motse wa gagwe go sala Jesu Keresete morago ka e le ene fela a ka fetolang matshelo a bone , segolo jang ka matshwenyego a banana a a ba beileng pele.

E rile a amogela dimpho tseo, mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Charles Amos a supa fa dimpho tseo di tla tsisa monyenyo le boitumelo mo go botlhe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

O rotloeditse bomme ba kereke ya Roma go tswelela ka go tlhokomela setshaba sa Botswana ka go neela le go supa mowa wa lorato gonne go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Kabo-dimpho

Date : 26 Aug 2014