Banni ba lela ka badirela puso
26 Aug 2014
Banni ba Ramokgonami ba lela ka thuso e ba e bonang mo badirela pusong bangwe e ba reng ga e a nitama e bile e a ba kgetholola.
E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke tona wa lephata la pereko le selegae, Rre Edwin Batshu bosheng, banni ba bolela fa go le gantsi badiri ba kokelwana ya motse wa bone le ba lephata la Omang le ba ditlankana tsa matsalo kwa motseng wa Sefhare ba sa ba tseye sentle gotlhelele.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Gakeaitse Malema o tlhalositse gore badiri bao, ga ba dirisane sentle le bone mme e bile go tsaya lebaka le le leele ba sa bone thuso e e nitameng, mo godimo ga moo ba kgona go ba duedisetsa diphoso tse di dirilweng ke ofisi ya bone.
O tsweletse a re ga ba ba buise sentle gape ba a sotlwa mo ba felelang ba sa itse kwa ba ka ya teng ka gonne diofisi tseo ke tsone tse ba tshwanetseng go bona thuso mo go tsone.
Rre Malema o boleletse tona gore badiri ba lephata la tsa pereko ba tsaya lebaka le le leele ba sa etele badiri ba dipolase tse bontsi jwa banni bo berekang kwa go tsone mme seo se bake gore ba seka ba tsewa sentle ke bahiri ba bone.
A re badiri ba dipolase ba lela ka dilo di le mmalwa di akaretsa bonno jo bo sa siamang, dituelo le dinako tsa pereko tse ba bolelang di ba beile ka fa mosing.
O tlhaloseditse tona fa motse wa bone o kopa sekole se sengwe se sebotlana gonne se se teng se le mosuke fela thata ka se na le bana ba ka tshwara makgolo a le borobabongwe.
Modulasetilo o tsweletse a kopela motse ditlhabololo di akaretsa matlo a badirelapuso, ofisi ya mapodise, go gokelwa motlakase wa phase three le go tshela sekontere mo tseleng ya Radisele/Mokobeng e a bolelang fa e le mo seemong se se sa siamang.
Le fa go ntse jalo, Rre Malema o lebogetse lenaneo la Ipelegeng le a reng le thapile banni ba le bantsi mme e bile le tsweletse sentle fela thata. E rile banni ba mo tlatsa, Mme Sennye Kebotsang a kopa ba lephata la ditlankana go fefosa ditirelo tsa bone ka ba le bonya fela thata.
Mme Kebotsang o tlhalositse gore maina a bone ga a kwalwe sentle mme fa ba a baakanya go tsaya lebaka e bile ba batliwa basupi ba bantsi go ka rurifatsa maina a bone sesha.
Fa a ba kgwa kgaba, tona Batshu a kopile maitshwarelo go bo ba sa tshwarwe sentle mme a ba tlhomamisetsa fa ba lephata la gagwe ba tlaa etela kwa Sefhare mo sebakeng sa kgwedi go ya go bona gore matsapa di a tsaya kae. Rre Batshu o tlhalositse gore diofisi tsa puso di diretswe setshaba mme ka jalo se tshwanetse go tsewa sentle ka tekatekano le lorato.
O tlhaloseditse banni ba motse oo ka lephata la gagwe gammogo le ka ditirelo tse di bonwang kwa go lone di akaretsa dikarata tsa Omang, ditlankana tsa matsalo, tsa dintsho le dipasa.
A re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe go nna le dibukana tsotlhe tse di botlhokwa mo matshelong a bone. O ba kopile go tlhokomela Omang fela thata ka batswakwa ba kgona go mo tsaya mme ba mo dirise go ka akola meamuso le mananeo a lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgathi
Location : RAMOKGONAMI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Aug 2014