'Supang lerato le kutlwelobotlhoko'
26 Aug 2014
Batswana ba gwetlhilwe go nna le mowa wa kutlwelobotlhoko le go supa lerato mo bathong ba ba tlhokileng lesego.
Fa a bua mo mogwantong o o neng o rulagantswe ke lekgotla la bopelotlhomogi la Tapologong Association, ka maikaelelo a go kokoanyetsa Botlhale Letshwiti yo o dingwaga di lesome le bone go bona dithuso tsa bongaka, mookamedi wa kompone ya Global Transformations and Networks, Rre Taolo Moshaga, o ikuetse mo setshabeng ka kakaretso go somarela mowa wa lorato, bojammogo le kutlwelobotlhoko gore o seka wa latlhega.
Rre Moshaga o tsweletse a bolela fa a lemogile gore mowa o e kare o a nyelela mme a kgothatsa ba ba neng ba tsile kwa mogwantong oo go tshegetsa mokgatlho wa Tapologong le e mengwe e e dirang ditiro tsa bopelotlhomogi.
O tsweletse a tlhalosa gore Batswana ba tshwanetse ba netefatsa gore ba diragatsa lengwe la matshego a Tebelopele ya 2016 la gore ba nne setshaba se se lorato e bile se le boutlwelo botlhoko.
Fa a lekodisa bagwanti ka botsogo jwa ngwana, Mme Kentse Letshwiti o boletse gore ngwana wa gagwe o tshotswe ka bogole jwa maoto a a golang ka tsela e e sa tlwaelesegang.
Mme Letshwiti o tlhalositse fa a tsamaisitse ngwana dipatela ka go farologana di akaretsa Princess Marina le Bamalete Lutheran kwa Ramotswa mme ngwana a seka a bona thuso e e mo kgotsofatsang.
O tsweletse a re maoto a ngwana fa a gola a a sokodisa ka go dingalo go bona ditlhako tse a ka di rwalang, a tlatsa ka gore mo nakong eno o direlwa ditlhako tse di faphegileng.
Fa a bua ka tshwetso e ba e tsereng mabapi le kgang ya ga Botlhale, Dr Seabelo Maje o boletse fa ba lemogile gore bogole jwa ngwana bo kabo bo sa bolo go tseelwa kgato a santse a le monnye.
A re e le ba Mediplus ba dumalane gore ba direle Botlhale kopo ya go ya go kopana le ngaka nngwe ya mankge kwa sepateleng sa Bamalete Lutheran kwa Ramotswa.
Dr Maje a re ba solofela gore fa Botlhale a sena go bona ba bongaka go tlaa tsewa tshwetso e e tlaa dirang botshelo jwa gagwe botoka le go feta.
Modulasetilo wa mokgatlho wa Tapologong Assosciation, Rre Molemane Maje o tlhalositse fa dithuso e se fela tsa ba ba nang le bogole mme a tlhalosa gore ba thusa balwetse le bagodi.
A re bontlha bongwe jwa dithuso tse ba tlaa di bonang ba tlaa di dirisa go agela mme mongwe wa motlhoki ntlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ogopoleng Rantopele
Location : MOCHUDI
Event : Mogwanto
Date : 26 Aug 2014