Breaking News

Banni ba leboga mopalamente

25 Aug 2014

Banni ba Masunga le Letsholathebe mo kgaolong ya Tati Bophirima ba lebogetse mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Charles Tibone ditlhabololo tse di nnileng teng mo metseng ya bone mo lebakeng la gagwe fa e le mopalamente wa bone.

E rile ba akgela mo diphuthego tsa kgotla di tshwerwe ke Rre Tibone banni ba metse eo ba supa fa motlhala wa mopalamente o bonala o o supiwang ke ditiro tse di dirilweng ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe, ba tlatsa ka gore le yone tirisanyo mmogo ya gagwe le bone e ne e le e e nametsang.

Banni ba re bangwe ba ka tsaya gore go sa bonaleng ga ga rre Tibone kgapetsakgapetsa mo kgaolong e le boitseme, ba re ga go a nna jalo ka a bo a itebagantse le go tsomela kgaolo, ba re o tshwanetse a tshwantshanngwa le rre a ile mmerekong go batlela bana dijo.

Maikaelelo a diphuthego tsa ga rre Tibone, e ne ele go laela banni ba metse eo le go ba lebogela seabe se ba nnileng le sone mo ditlhabololong tsa metse ya bone, ka jalo banni ba ne ba mo akgolela seo, ba re ba a balwa baeteledipele ba ereng ba latlhela ba ipha matsapa a go tsamaya a laela.

Fa a amogela baeng mo kgotleng ya gagwe, Kgosi ya Masunga, Kgosi Thabo Maruje III o ne a re fa moeteledipele a sa dire sentle go tshwanetse ga salwa tsamaiso morago mme a biletswa kwa botlhokong go sugelwa teng go na le gore a kgomogelwe fela.

Kgosi Maruje III o ne a supa botlhokwa jwa gore baemedi ba dirisiwe ka fa tshwanelong, a tlhalosa fa ene a kgonne go dirisa mopalamente Tibone le mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, rre Ronald Zwinila, selo se a boletseng se sologetse motse wa gagwe molemo mabapi le tsa ditlhabololo.

O ne a bo iteela legofi lenaneo la ipelegeng, a re le dira pharologanyo mo matshelong a batho mo gae, ka ba kgona go tshegetsa mala.
Mo go tse dingwe, Kgosi o ne a gwetlha batsadi go godisa bana ka fa tshwanelong gore ba tsoge ba nna le seaba se se rileng mo itsholelong ya lefatshe leno.

Kgosi Maruje o ne a bo a lekodisa mopalamente ka dikgang dingwe tse di ba tshwenyang tse jaaka go baakanngwa ga dikoloi tsa puso, a supa fa go na le dikolo tsa makgotla a Setswana mo kgaolong di le lesome le bone, tse di saleng di phekile di emetse go baakanngwa.

A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke e e mabapi le difolaga tsa makgotla mangwe a Setswana mo kgaolong, tse di lalang di pegilwe go sa obamelwe molao wa go tlotla folaga ya lefatshe leno, wa go e folosa le go e pega ka dinako tse di beilweng.

Kwa motseng wa Gambule, banni ba ne ba ngongoregela go bo motse wa bone o saletse kwa morago mo ditlhabololong, ba kaya fa metse e e tlhomilweng morago ga wa bone e godile e bile e gatetse pele mo ditlhabololong.

Ba supile fa motlakase o beile banni ba bangwe ka fa mosing ka jaana o sa phatlaladiwa mo dintlheng tsotlhe tsa motse.mMonni mongwe wa Gambule, Rre Darlington Machaina o ne a tswa ka mogopolo wa gore boemong jwa thulaganyo ya Tirelo Sechaba, bogolo madi ao a dirisiwe go isa bana bao kwa dikolong, go ithuta dithuto dingwe tse ba ka itshetsang ka tsone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Aug 2014