Breaking News

Botsogo ke konokono

25 Aug 2014

Botsogo jo boitekanetseng jwa mmereki bo ka rotloetsa maduo a a nametsang mo tirong.

Se se buliwe ke motshwarelela tona wa ofisi ya ga tautona le bodirela puso Rre Shaw Kgathi mo bokopanong jwa gagwe le badiri ba lephata la kabo ditsha ba kgaolo ya legare kwa Bobonong bosheng. Maikaelelo a bokopano jo e ne e le go tsibosa badiri ba lephata la kabo ditsha ka bomosola jwa go nna le botsogo jo bo itekanetseng.

Rre Kgathi o ne akgola lephata la kabo ditsha la kgaolo ya legare go bo ba tshwere ka natla go thusa setshaba a ba a supa fa go tlhongwa molao o o tla rutang batho ka botlhokwa jwa go tshwara lefatshe sentle.

O boletse fa kwa mafatsheng a mangwe go lwelwa melolwane e le selomodiro segolojang kwa mafatsheng a bophirima ,mme a supa kafa ba kabo ditsha batshwere tiro ya bone ka manonthotho e le bontlha bongwe jwa gotsisa thitibalo mo lefatsheng la bone.

A re goitshidila ke selo se se botlhokwa, a rotloetsa badiri ba kabo ditsha gore e seka ya nna ka ngwaga fela,bogolo ba edire ka kgwedi ka itshidilo e tsisa botsogo jobo siameng mo mmeleng.

O tlhalositse fa thaelo ya lefatshe baka edira jang,a re maikaelelo ke go rotloetsa ba beeletsi kwa thune e le banana ba fiwe lefatshe,mo lobakeng la beke tse pedi,mme badirile jalo.

O boletse fa tiro ya tsatsi leno e le botlhokwa mo botshelong e le itshidilo mmele,bogolo jang gotsamaya ka dinao,a supa fa go nnela ruri mo setilo go sa siama.

Rre Kgathi a re bolwetse jwa madi a matona go nna le mafura a mantsi mo mmeleng o ka otsela,mme se sebotlhokwa ke go itshidila,gape abolela fa morafe wa batho basweu bone ba nwa tee go phatlalatsa mafura.

A re kwa bofelong batla thusa setshaba bale matlhagatlhaga ba na le monyenye mo difatlhegong tsa bone.o ne a barotloetsa go dira di club mo kgaolong ya bone e kwa bofelong e tla ngoka setshaba gotla itshidilong kwa kgaolong ya Bobonong,mme ba ba lebetse e le puso ka seba sedira gore se botlhokwa mo matshelong a setshaba ka na a badiri.

Rre Kgathi o supile fa dipalo fa ka ngwaga wa 2001 go tsena 2008 ba batsentse dikopo tsa ditsha ba ne bale 5868 mme ka ngwaga wa 2004 ga abelwa ba le 3515,mme o rotloetsa badiri bao go tsibogela dikgang tsa go baya btho bale bantsi mo lefelong le lengwe le dikgang tsa gore batla jisiwa sengwe fa motho a batla setsha ba iphaphe mo go tsone.

Mokwaledi wa kgaolo ya kabo ditsha ya Ngwato Rre Nixon Mogapi a bua ka maikaelelo a re batsile goruta ka bothokwa jwa botsogo jwa mo tirong le gore ba dira e ng,gore setshaba se batshephe le go dira mmogo ba itebagantse le tshego la kutlolo botlho le goitsi seemo sa bone gore ba kgone go ntsha maduo mo tirong ka jalo batla thusa sechaba ka bofefo le matlhagatlhaga.

O supile fa bagapile maemo a ntlha e le bakabo ditsha ba kgaolo ya legare lefatshe ka bophara ka go dira ka natla le go tsibogela dilelo tsa setshaba.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Bokopano

Date : 25 Aug 2014