Breaking News

Kgosi o lebogela mowa wa boipelego

25 Aug 2014

Kgosi Alphonse Nsala wa kgotla ya Selolwane kwa Tutume o lebogetse batho ba kgotla eo tshwaragano le tirisanyo mmogo mo go dirileng gore ba kgone go tshegetsa letsatsi la go ipelela thobo.

Kgosi Nsala o buile seo fa a ne a amogela dikgafela ka letsatsi la go ipilela thobo ke balemi ba kgotla eo bosheng.O ile a bolela fa tiro ya go nna jalo e tlwaelesegile kwa morafe ee kwa borwa jwa lefatshe leno.

A re seo se a itumedisa go bo merafe e mengwe e kgona go tsaya malebela mo go e mengwe mme e kgone go dira se se tshwanang le se ba se dirang,a leboga morafe wa gagwe a re ke tiro e ntle e ba e dirileng ka ebile e le lantlha mo ditsong tsa bone go tshegetsa moletlo wa go tshwana leo.

Kgosi o ile a bolela gore bone mo kgaolong ya bone go ne gorongwa batho(hosanna)go ya go kopa pula kwa ga ngwali e re morago ga thobo ba boile koo go ya go lebogela thobo e ba e boneng.

A re gape go ne go apewa majalwa batho ba phutlagane go tla go ipilela thobo ba bina mmino wa Setswana.

Kgosi Nsala are mo malatsing a segompieno batho ba kopa pula kwa modimo ka dithapelo ebile le tautona o rotloetsa seo,are ka tlotloetso ya ga tautona Lt Gen .Seretse Khama Ian Khama ya go rapelela pula,dipula di dikile di ne le ka matsorotso mme Batswana ba bona thobo e e nametsang.A tlatsa ka gore ga go thona go bona ba ipelela seo.

A gatelela ka gore se balemi bao ba se dirileng se tla ngoka le bao ba ba ntseng ba sa leme. Modulasetilo wa komiti ya balemi ya Selolwane,Rre Lopang Masikara o ne a tlhalosa fa e le lantlha ba simolodisa tiro ya go nna jaana,are gape ka mo ditsong tsa bone ba sena dikgafela ke tiro e ba ithutang ka go tsaya malebela mo merafeng ya bakgatla le merafeng e mengwe ka dilo makwati di kwatlabolotsa mo go ba bangwe.

Molemi morui wa kgaolo ya Tutume,Rre Keneetswe Thamaeo ne a bolela fa balemi ba kgaolo eo ba lebanwe dikgwetlho tse dintsi di tshwana setlhare sa mophane se se thata go epiwa gape se le sekgwa,dipula tse di sa e kanngweng.

Rre Thamae o supile balemi ba kgaolo eo ba nyoretswe go lema ka ditselana mme sebe sa phiri ke gore ditsela dikitlanye polantara ga e kgone go goroga kwa masimong a balemi.

A re setlhare seo se ba apesetse kobo ka letshoba ka fa gotwe motho o kgonne go epa disana mo tshimong ke fa a kgonne go epa ekere o le mongwe,a rwe seo e se ka keletso ya bone.

O tsweletse a bolela fa dipula tse di sa ikanyegeng di rotloetsa gore ba leme ba gasa ka ba bo ba batla go tshwara bokgola.A re gape ba le balemi ba tshwenngwa ke diphologolo tsa naga le dinonyane tota le one mmaraka o ba ka yang go rekisa thobo ya bone.

Mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Legare,Rre Bapaphi Jibichibi o boletse fa maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go rotloetsa balemi go rutana ka tsa temo gore ba rotloetse ba e seng balemi go kgatlegela temo.

Rre Jibichibi a re gape ka letsatsi leo ba kgona go anjwa botsipa mo go ba bangwe le go kopana le dipeo tse di tlhabolotsweng tse di tsamaelanang le dipaka tsa gompieno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Letsatsi la go ipelela thobo

Date : 25 Aug 2014