Breaking News

Tshireletso o leboga banni

25 Aug 2014

Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso o lebogetse banni ba kgaolo ya gagwe go dira le ene sentle mo ngwageng tse di lesome tse ba neng ba di mo romile kwa palamenteng.

Fa a buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe ya botlhopi, Mme Tshireletso o boletse fa go tshwanela gore a ba leboge ka ba mo tlhophile ka lerato. Mme Tshireletso o tlhalositse fa ba mo diretse ka bokgabane le ka tlotla e e faphegileng, mme e bile ba mo file seriti ka a ne a fiwa maemo a bothusa tona jwa dikgaolo le tlhabololo magae.

Mme Tshireletso o tlhalositse fa tirisano mmogo ya gagwe le batlhophi ba kgaolo ya gagwe ene e le ya maemo a kwa godimo bogolo jang ka a ise a omanyediwe go tlhoka go boela mo kgaolong go rola le go tsaya megopolo go ya palamenteng, ntswa a ne a lebagane le lefatshe leno ka bophara, ka jalo o ntse senatla ka ntlha ya bone.

O tsweletse a re o  lebogela gore e re le ntswa ba ne ba mo romile a bo a rongwa gape ke puso, ba ne ba mo ema nokeng, mme e bile ba ipela ka ene.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Aug 2014