Breaking News

Ba ngongorega ka ditlamelo

25 Aug 2014

Banni ba metse ya Poloka le Mokgenene mo kgaolong ya Shoshong, ba boletse mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Phillip Makgalemele, fa ba sa itumedisiwe ke go tlhoka ditlamelo di tshwana le dikokelwana tse di nang le matlwana a pelegiso mo metseng ya bone.

Ba re ere ntswa lefatshe leno le na le dingwaga di le masome a mane le borobabobedi le ntse le ipusa, ga ba itumedisiwe ke go bona metse ya bone e tlhaelelwa ke ditlamelo tsa  ditlhaeletsano le motlakase e bile ba santse ba na le ditsela tse di sa tshelwang sekontere.  

Ba kopile mopalamente wa bone go kopa puso go tshela ditsela tse di tshwaraganyang metse ya bone le ya Dibete, Mahalapye le Otse sekontere ka jaana ele gone kwa ba bonang ditlamelo teng.

Le fa go ntse jalo, ba akgoletse puso go ba thusa ka lenaneo la Ipelegeng le la ISPAAD ka jaana ba bolela fa  ba kgonne go ntsha dijo tse ba itshetsang ka tsone  le go direla Batswana ba le bantsi ditiro.

Ba boleletse Rre Makgalemele gore le fa puso e ba thusitse ka lenaneo la ISPAAD le nyeletso lehuma, ga ba itumedisiwe ke dikgomo tse di ba senyetsang dijwalo mo masimong le tiego ya go tlhoka go thusa batho ba ba ikopetseng dithuso tsa nyeletso lehuma ka nako e tshwanetseng.

E rile Rre Makgalemele a tsibogela dilelo tsa bone mabapi le ditsela le go tlhoka matlwana a pelegiso mo metseng ya bone, a bolela fa mathata a bakilwe ke tlhaelo ya madi e e pateleditseng puso go seegela ditlhabololo dingwe tse di neng di tshwanetse go dirwa mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa setshaba tsa bo lesome kwa thoko.

Rre Makgalemele o boleletse banni ba metse eo gore mo palamenteng e e tla tsenang morago ga ditlhopho tsa setshaba monongwaga, puso e tla a sekaseka go tsenya ditiro dingwe tse di neng di tshwanetse go dirwa mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bolesome mo go la NDP11Balemi barui ba Aferika Borwa, Rre Nkosi Ncenekala le Rre Fobby Radipotsane ba neng le bone ba tsene diphuthego tseo, ba kgothatsaditse banni ba kgaolo ya Shoshong go tsena ka mmetela mo temo thuong le go simolodisa makgotla a dikoporase a tshwana le a theko le thekiso le baji-bareki ka a ka kgona go direla banana ba lefatshe leno ditiro. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Aug 2014