Kgosi o rotloediwa go dibela ngwao
25 Aug 2014
Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o rotloeditswe go dira ka natla go tsosolosa ga mmogo le go dibela ngwao ya morafe wa gagwe.
Fa a bua kwa moletlong wa peo ya ga Kgosi Mosojane kwa motseng oo bosheng, kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Lotlaamoreng II o ne a gatelela botlhokwa jwa gore Kgosi Mosojane le magosi a mangwe a kgaolo a thulanye ditlhogo go tla ka maano a se se ka dirwang go tsosolosa seriti le erodumo sa ngwao ya morafe wa Bakalaka.
Kgosi Lotlamoreng a re go a tshwenya go bona tshaba ya lefatshe leno e tsweletse ka go latlhegelwa ke bokao jwa yone ka go bo e sa tlhole e tsaa ka tlhwaafalo botlhokwa jwa go tshegetsa dingwao tsa merafe ya yone ka go farologana.
A re ka ntlha ya seemo se se sa jeseng diwelang se, go botlhokwa thata gore dikgosi, tse e leng tsone di tswang Goo-Lowe di rwele boikarabelo jwa go sireletsa ngwao ya merafe ya tsone, di eme ka dinao go fetola seemo pele dilo di ka senyegela pele.
Kgosi Lotlamoreng o ne gape a ikuela mo go Kgosi Mosojane go kgaratlhela go nna le seabe se se bonalang mo maitekong a go bopaganya tshaba ya lefatshe leno.
Fa a gatelela botlhokwa jwa popagano, o ne a supa fa Motswana mongwe le mongwe a tshwanetse a ipelafatsa ka go nna Motswana ga gagwe go nale go eteletsa go nna motho wa morafe o o rileng.
A re mowa wa semorafe o tshwanetse wa kgalwa go mennwe phatla ka jaana o sa age setshaba, a re dikgosi jaaka ba-nale-seabe ba ba botlhokwa mo go agweng ga setshaba ba tlamega go dira go bonala go bopaganya setshaba.
Go sale foo, fa a gwetlha Kgosi Mosojane go lemoga fa bogosi e se maemo e le bodiredi, Kgosi Lotlamoreng o ne a ikuela mo go ene go tlhomamisa gore o tshegetsa a bo a diragatsa mantswe a motlapele a a bolelang fa kgosi e le thotobolo a olela matlakala.
O gakolotse Kgosi Mosojane go lemoga fa go amogela thomo ya bogosi ga gagwe e le go amogela go nna motlhanka wa morafe wa motse wa Mosojane; ka jalo a tshwanetse a ikitaa ka thupana go bona gore o direla morafe wa gagwe ka bonatla le ka boineelo, e bile a sa kgetholole ope.
Fa a gatelela botlhokwa jwa go tlotla morafe, Kgosi Lotlamoreng o ne a supa fa go dira jalo e le yone tsela e e tlhomameng ya go tlhomamisa gore morafe o tlotla kgosi ya bone.
Sebui se sengwe kwa tirong eo, moatlhodi wa pele wa kgotla-kgolo ya ditsheko John Mosojane, yo a leng rangwaneagwe kgosi o ne a mo gwetlha go dira ka natla go tshwaraganya ba lelwapa la bogosi.
A re go dira go dira jalo go ka mo thusa go thibela tlhagogo ya makgamu mo morafeng wa motse oo; a supa fa gape a tshwanetse go atamelana thata le ba lelwapa la bogosi gore mongwe le mongwe wa bone a phuthologe go mo gakolola fa go tlhokega gore go dirwe jalo.
A re le fa ntswa dikgosana tsa gagwe di le teng go mo fa dikgakololo, o tshwanetse a lemoga f aka ntlha ya go mo tlotla ba ka iphitlhela ba sitega go mmusetsa mo tseleng fa a ka tshokane a fapogile tsamaiso, mme a supa fa go ka seke go nne thata mo go ba lelwapa la gaabo go mo kaela tsela fa a dule mo seporong.
Mo ntlheng e nngwe, Rre Mosojane o ne a gakolola morafe wa motse wa Mosojane go seke ba itshunya nko mo mererong ya ba lelwapa la bogosi, se e le tsela ya go tlhomamisa gore kagiso e tswelela ka go rena mo lelwapeng leo.
A re go nna ka tshisibalo ga lelwapa leo go ka dira gore motse oo le one o tshele ka kagiso. Fa a bua mo boemong jwa dikgosi tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, moemela-kgaolo eo kwa ntlong ya dikgosi e bile e le kgosi wa motse wa Masunga Kgosi Thabo Maruje III o ne a akgolela
Kgosi Mosojane tshwetso ya gagwe ya go tla go goga kwa tlhogong tlhabologo le kgolo ya motse wa gaabo. Kgosi Maruje a re ke tshegofatso e kgolo mo motseng wa Mosojane go etelelwa pele ke kgosi yo o iteilweng seatla go utlwala jaaka Kgosi Mosojane, a tlhalosa fa e se dikgosi di le dintsi mo lefatsheng leno tse di tseneng sekolo go ya go fitlha ka dithuto tsa Masters.
O ne a itsese batsena-tiro eo fa botsipa le maitemogelo a ga Kgosi Mosojane mo mererong ya go dira dipatlisiso a tla ungwela motse wa Mosojane le kgaolo yotllhe ya Bokone Botlhaba maungo a a mantle.
E ne yare a ema kokoano e e neng e tsene tiro eo ka lefoko, mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba Rre Charles Amos o ne a itsese Kgosi Mosojane fa tiro e tona ya kgosi e le go tshwaraganya morafe wa gagwe.
O ne gape a mo gwetlha go itlhaola mo magosing ka ene ka ditiro tse dintle tse di ka sologelang setshaba molemo, a re o tshwanetse a tlhomamisa gore go nna le tse dintle tse dikgosi tse dngwe di di ithutang mo go ene.
Fa a amogela thomo, Kgosi Mosojane o ne a supa fa mo dikgweding di se kae tse a ntseng a direla mo kgotleng ya motse oo, a itumeletse tirisanyo mmogo e ntle ya bogogi jwa kgaolo le badirelapuso fela botlhe.
O ne a itlama go dira le botlhe ka boineelo, ga mmogo le go tsaa morafe wa gagwe ka tekatekanyo a sa sekamele ntlheng epe. O ne gape a bolela fa a tla kgaratlhela go busetsa seriti sa lelwapa; a re go a tshwenya go bona go santse go nale batho ba ba tsweletseng ka go nna mmogo ba sa nyalana le ntswa go supagetse fa go dira jalo go le diphatsa.
A re baratani ba tshwanetse ba nyalana go dibela segolo jang isago ya bana ba bone kgatlhanong le dintlelo tsa botshelo tse gantsi di tlhagogang fa mongwe wa bobedi joo a sena go ikela badimong.
Kgosi Mosojane o ne a rolela futshe rakgadiagwe eleng Mme Fredah Mosojane yo o ntseng a mo tshwareletse setilo sa bogosi sebaka sa dingwaga di le lesome le motso tse di fetileng.
O ne a supa fa Mme Mosojane a ne a ntse a tshwere ka natla, mme go itumedisa go bo a ne a fologa setilo sa bogosi jwa motse oo ntle le dikgogakgogano dipe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MOSOJANE
Event : Peo ya kgosi
Date : 25 Aug 2014