Breaking News

Somolekae o kgothatsa dialogane

25 Aug 2014

Mothusa tona wa botsogo, Dr Gloria Somolekae o kgothaditse dialogane tsa Community Capacity Enhancement and Empowerment Society ( CCEES) kwa Kgalagadi go ema ka dinao ka go dira ka natla ka nako tsotlhe go itepatepanya le go fetola diemo tse di sa siamang tse ba tshelelang mo go tsone.

Dr Gloria Somolekae o buile jalo kwa kalosong ya dialogane tseo tse di masome a le mane kwa Khuis ka Matlhatso. O kaile fa mokgatlho oo maikaelelo wa one e le go thusa banni ba metse ya Rapplespan, Gakhibane, Khawa, Kolonkwaneng, Bokspits,Bogogobo, Khuis, Middlepits le Stuizendam ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.

Dr Somolekae yo ebileng gape e le leloko la khansele ee itebagantseng le ditlhabololo tsa dikgaolo, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore banana ba tsee karolo e le baeteledipele mo go nneng le seabe mo go fetoleng diemo tse ba tshelelang mo go tsone, dikgwetlho tse ba kopananng le tsone go tswa ka ditharabololo mo dikgaolong tse di farologanayng mo lefatsheng leno.

O kaile fa lefatshe leno le tswa kgakala ka mowa wa boithaopo wa go itirela ba tlhabolola metse ya bone le go tokofatsa matshelo a bone ba sa ikaega fela mo pusong.

Dr Somolekae o ne a tswelela ka go tlhalosa fa lefatshe leno le lebanwe ke dikgwetlho tse setshaba sa lone se fekelang se tshelela mo go lone di akaretsa mogare oo golelang pele , go itontola dinotagi phetelela, tse e leng tsone tse di nang le seabe mo kanamong ya mogare w

HIV/ AIDS, a kaya fa puso e dirisa madimadi mo go lekeng go bo lwantsha bolwetsi joo. O ne a gwetlha batsadi go nna le seabe le boikarabelo mo go ageng bana mme ba seka ba dira dipe tse di ka felelang di timetsa bana. Are gape ba kgona go felela ba kopa mekgwa eo.

A kaya fa seo se ka thusa thata mo go bopeng babusi ba ba itsetsepetseng ka go nna le boitshwaro le botho jo eletsegang mo setshabeng. A tlatsa ka go leboga basimolodi ba mokgatlho wa CCEES ka o le botlhokwa mo go bopeng banana ba e leng baeteledipele ba tlhwatlhwa mo isagong ebile ba ba tebelopele go ba bopa sesha.

A tlatsa ka go kopa go abalana kitso eo le bangwe. Fa ntsha la gagwe mme Imelda Molokomme mongwe wa baeteledipele ba mokgatlho o ne a supa fa a ne a gwetlwiwa ke go bana ka fa banana ba kgaolo eo ba neng ba tshela ka teng mo diemong di tshwana le boimana jo bo kwa tlase ga dingwaga , mogare wa HIV / AIDS tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga le tse dingwe.

A re bangwe ba banana ba ba masome a mabedi ba itlamile go nna baemedi ba ba bangwe mo go fetoleng setshaba sa bone. O tlhalositse fa baemedi ba, ba tla ya dithutong tse di ka godisang boitsenape jwa bone ka go ithuta ka go nna baeteledipele ba bangwe le go go rotloetsa bana ba basetsana.

Dithuto tse di tla thusa bana ba gore ba ka lwantsha jang dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone mo botshelong. O supile fa bana ba basetsana ba lebagana le dikgwetlho di le di ntsi fela thata mo setshabeng.

Mangwe a matshwenyego a ba kopang le one mo mokgatlhong moeteledipele wa one Mme Sophia Estruhuizen o kaile fa le letlhoko la madi le dipalamo ka metse eo e le bophara.

Fa a a bala molaetsa wa kgothatso Rre Ruben mosimenyane boemong jwa ga Rre scelo Hlope wa Associated fund Administration( AFA)o ne a ba kopa dialogane tseo go nna baeteledipele ba tlhwatlhwa, ka go ikemisetsa dikgwetlho tse ba kopang le tsone le go tswa ka maano a go fedisa.

Rre Mosimenyane o ne a ba galolola mongwe le mongwe ka tekatekanyo mme ba supa dipharologanyo mo go ope. A tlatsa ka go ba rotlotsa go abela kitso e ba nang le yone mo go bangwe ka bone mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KHUIS

Event : Letsatsi la kaloso

Date : 25 Aug 2014