BOCODOL e botlhokwa
25 Aug 2014
E re le ntswa go santse go lebega bontsi jwa batho bogolo jang ba metse ya magae ba sa tsibogele sekole sa BOCODOL, banana bangwe ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ga ba kgale mathe go bua ka botlhokwa jwa sekole seo ka jaana se fetotse matshelo a bone.
Mongwe wa dialogane tsa sekole seo, Mme Neo Mokweni o supile fa e rile ka 2012, a inaakanya le lenaneo la go kwala dithuto tsa maranyane tse a neng a sa di dira sentle mo mophatong wa botlhano, mme a tla a dirile sentle fela thata.
O bolela fa e rile morago a ikopela phatlha kwa Tlokweng College of Education mme a atlega go ithutela dithuto tsa borutabana tse a tsweletseng ka tsone mo nakong eno.
A re o dumela fa ditoro tsa gagwe tsa go tshela botshelo jo a neng a bo eleditse di tla atlega morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe.
O tsweletse a re banana ba na le go akanya gore ditoro tsa bone di phirimile tsa go ipona ba ile dikoleng tsa ithutelo ditiro morago ga go sa direng sentle mo mophatong wa botlhano le wa boraro, mme o tlhalosa gore seo ga se boammaaruri ka jaana go tlhamilwe mananeo a tshwana le la BOCODOL go tokafatsa dithuto tsa bone.
Mme Mokweni o gakolotse banana ba ba sa dirang sentle mo dithutong tsa bone go ikgolaganya le ba BOCODOL go ipetlela bokamoso ka gonne thuto e fa motho seriti e bile e mo solegela molemo ka boene le setshaba ka kakaretso.
O boletse fa lenaneo la go ithuta ka tlhaeletsano le le molemo fela thata ka jaana motho a kgona go ya dithutong morago ga tiro, jalo a gakolola banana ba ba mo lenaneong la tirelo setshaba go ikgolaganya le sekole sa BOCODOL gore ba bone mafulo a matalana.
Monana yo mongwe, yo le ene a inaakantseng le lenaneo la go baakanya maduo a gagwe, Mme Kgalalelo Selagaboy o supile fa le mo sologetse molemo ka e tla re mo ngwageng ono a kwale ditlhatlhobo go baakanya setlankana sa gagwe.
A re lenaneo le, le tshwanetse go tsewa tsia ka jaana le ka fetola botshelo jwa motho.
O tlhalosa fa kwa motseng wa Takatokwane, baithuti ba ba mo lenaneong le ba ipopile ditlhotshwana go rutuntshana le gone go amogana kitso ka jalo ba dira sentle fela thata.
Le fa go ntse jalo, o supile fa go na le dikgwetlho dingwe tse di ba lebaneng di tshwana le go fiwa sebaka se se khutshwane go ikwadisetsa ditlhatlhobo gammogo le tlhaelo ya dibuka.
O kopa ba ba maleba go tsibogela seemo seo gore ba kgone go ipelafatsa sekole sa BOCODOL. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelley Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Letsatsi la kaloso
Date : 25 Aug 2014