Van Westhuizen o rotloetsa baithuti
25 Aug 2014
Baithuti ba thuto ga e golelwe ba kgaolo ya Kgalagdi ba rotloeditswe go tsena sekole ka tlhwaafalo ka seo se ka tokafatsa matshelo a bone.
E rile a bula semmusong letsatsi la baithuti kwa motseng wa Middlepits bosheng, ka setlhogo se se reng, ‘ Seabe sa go bala le go kwala mo ditlhabololong tsa sennela ruri’, modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre France Van Westhuizen a tlhalosa gore le ntswa puso e leka ka bojotlhe go rotloetsa Motswana mongwe le mongwe go itse go bala le go kwala, bagolo bangwe kwa kgaolong eo ba tsweletse ka go nna le ditshwarego fa ba tshwanetse go ya sekoleng mme seo se dira gore ba salele kwa morago mo dithutong.
O supile fa gape ba lephata la thuto ba tshwenngwa ke badisa ba ba berekelang kwa merakeng, dipolasing le kwa masimong ka e le bone ba gantsi ba sa itseng go bala le go kwala jalo a kopa bahiri ba bone go ba neela sebaka sa go tsena sekole.
O boletse gore lephata la thuto le na le mananeo a akaretsa go ruta bagolo le go ba tlhabolola ka go ithuta ditiro tse di ka ba tsenyetsang madi le go tlhamela Batswana ditiro.
O tsweletse a re thuto e botlhokwa ka e thusa mafatshe le mebuso go fitlhelela maitlamo a bone le go tlhabolola sepolotiki le itsholelo ya one.
Fa a amogela batsena dithuto tseo, mogolwane wa thuto kwa Kgalagadi, Rre Onalenna Senwedi o tlhalositse fa maikaelelo a dithuto tseo ele go tsibosa baithuti ba Thuto Gaegolelwe ka mananeo a a ka fetolang matshelo a bone mo isagong le go amogana maele a ditiro tsa diatla ka di le mosola mo go bone gonne ba ka itshetsa ka tsone.
Le ntswa ba dira se, o bolelea fa ba tshwenngwa ke baithuti ba ba tlogelang sekole .
Mongwe wa bagolwane ba barutabana ba Thuto Gaegolelwe kwa Werda, Mme Sarah Dijee o supile fa lephata la thuto gantsi le dira maiteko a go isa baithuti kwa ithuthuntsong ya tiro tsa diatla.
O tsweletse a tlhalosa fa baithuti ba kgaolo eo ba iteka thata ka ba dira ditiro tsa diatla di tshwana le go dira ka wool, matlalo, matsela le go betla ba dirisa dingwe tsa ditlhare tse di mo kgaolong eo.
Mme Dijee o supile fa baithuti ba kgaolo ba tla a iteisana borathana ka disupiwa tsa bone e re morago ba atswiwe ka dimpho. O tsweletse a kopa puso go thusa baithuti ba ba inaakantseng le ditiro tsa diatla ka metshine e e rokang gore tiro ya bone e tokafale.
Le ene fela jaaka dibui tse dingwe, o supile matshwenyego a go tlhoka go tsena sekole sentle ga baithuti bogolo jang ka paka ya mariga, temo le ka nako ya fa lenaneo la Ipelegeng le tsweletse.
Fa a leboga mokhanselara wa Gakhibane/Khawa, Rre Merapelo Mosarwe o rotloeditse bagolo go tsena sekole ka tlhoafalo ka kgaolo ya bone mo dingwageng tse di fetileng go ne go supagala fa batho ba yone ba le bantsi ba sa itse go bala le go kwala. Ends
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Pulo semmuso ya letsatsi la baithuti
Date : 25 Aug 2014