Legal Aid Botswana e ikatametsa setshaba
24 Aug 2014
Lekalana la Legal Aid Botswana le le thusang Batswana ba ba kobo dikhutswane ka dikgang tsa semolao le atametsa dithuso tsa lone mo merafeng ka go farologana
E rile a buisa phuthegong ya kgotla kwa Maun, mogolwane wa lekana leo, Mme Kagiso Marumo a tlhalosa fa le tlhamilwe ka 2011 ka maikaelelo a go thusa ba ba kobo dikhutshwane ka ditirelo tsa bogakolodi le bobueledi mo makgotleng a ga mmakaseterata, lekgotla legolo la ditsheko, kgotla ya ditsheko tsa khiro, lekgotlana la tsa ditsheko tsa lefatshe le lekgotla legolo la boikuelo mabapi le dikgang tsotlhe tsa molao tse di ka amang tsa lelwapa, tsa khiro le ditshenyegelo.
O tsweletse a re moikopedi wa dithuso tse ga a lopiwe sepe fa e se fela go tla ka sesupo sa Omang, dipampiri tsa khiro di supa kamogelo ya motho yo o kopang thuso fa e le mmereki le dipampiri tsotlhe tse di amanang le kgang e e tlhokang tirelo ya bone.
O tlhalositse gore go dirisiwa makgetho a puso go duelela ditirelo tse ka jalo moikopedi ga a tlhoke go duela sepe fela go ka akola ditirelo tse.
A re ditirelo tsa bone ke tsa maemo a a kwa godimo ka di dirwa ke babueledi ba ba ikemetseng ka nosi ka fa tlase ga lekalana le le okametseng babueledi.
Mme Marumo a re motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsewa ka tekatekano fa pele ga molao ka jalo lekgotla le, le ikemiseditse go dira tsotlhe mo thateng ya lone go lekalekanya sekale sa tsamaiso-molao ka go tsisa ditirelo tsa molao go botlhe ba ba di tlhokang.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Charles Letsholathebe o boletse fa a leboga lekalana la Legal Aid Botswana fela thata ka a re le tla araba selelo sa batlhoki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ame Ketlogetswe
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Aug 2014